Tswana of Botswana

Johane

Johane 1

Lefoko le ne la nna nama

1 E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo. 2 Le ne le na le Modimo mo tshimologong. 3 Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng. 4 Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho. 5 Lesedi le ntse le phatsima mo lenfing mme lefifi ga le a ka la le amogela. 6 Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane. 7 Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene. 8 E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. 9 Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng. 10 O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse. 11 O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola. 12 Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe; l3 ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo. 14 Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri. 15 Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: "Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: 'Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.'" 16 Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe. 17 Kana molao o neilwe ka Mose, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. 18 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.

Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi

19 Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: "O mang?" 20 A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: "Ga ke Keresete." 21 Ba mmotsa ba re: "Mme o eng? A o Elia?" A re: "Ga ke ene." "A ke wena moporofeti yole?" A araba a re: "Nnyaya." 22 Ke fa ba mo raya ba re: "O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?" 23 A re: "Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!" jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua. 24 Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai. 25 Jaanong ba mmotsa ba re: "O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?" 26 Johane a ba araba a re: "Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng. 27 Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe." 28 Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa.

Jesu ke Kwana ya Modimo

29 E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: "Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!" 30 Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: 'Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.' 31 Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele." 32 Johane a ba a supa a re: "Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene. 33 Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: 'Ene yo o tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo. 34 Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo."

Barutwa ba ntlha ba ga Jesu

35 Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi; 36 a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: "Bonang, Kwana ya Modimo!" 37 Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago. 35 Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: "Lo batlang?" Ba mo raya ba re: "Rabbi," (mo phetolelong ke go re: Moruti) "o nna kae?" 39 A ba raya a re: "Tlaang lo bone." Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama. 40 Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago. 41 Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: "Re bonye Mesia,"mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete). 42 A ba a mo isa go Jesu. Jesu a mo leba a re: "O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,"mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro).

Filipo le Nathanaele

43 Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: "Ntshale morago!" 44 Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro. 45 Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: "Re bonye yo Mose a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha." 46 Nathanaele a mo raya a re: "A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?" Filipo a mo raya a re: "Tlaa o bone!" 47 Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: "Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!" 48 Nathanaele a mo raya a re: "O nkitse jang?" Jesu a mo araba a re: "Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse." 49 Nathanaele a mo fetola a re: "Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele." 50 Jesu a mo fetola a re: "A o dumela ka gonne ke go reile ka re: 'Ke go bonye fa tlase ga mofeie'? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse." 51 A ba a mo raya a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho."

Johane 2

Ponatso ya ntlha ya kgalalelo ya Morena mo lenyalong la kwa Kana

1 Ka letsatsi la boraro go ne go le lenyalo kwa Kana wa Galelea, mma Jesu a le teng. 2 Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe. 3 Jaanong ya re weine e tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: "Ga ba na weine." 4 Jesu a mo raya a re: "Mosadi, ke tlhakanetseng nao? Nako ya me ga e ise e tle." 5 Mmaagwe a raya badiredi a re: "Se a ka se lo rayang, lo se dire." 6 Jaanong ga bo go le ditsaga tsa majwe di le thataro, tse di beilweng ka fa mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, nngwe le nngwe e ka tshola dikgamelo di le tlhano gongwe di supa. 7 Jesu a ba raya a re: "Tlatsang ditsaga tseo metsi!" Ba di tshela, tsa ba tsa tlala. 8 Jaanong a ba raya a re: "Gayang jaanong, lo ise kwa go morulaganyi wa modiro." Ba a isa. 9 Ya re morulaganyi wa modiro a utlwa metsi a a fetogileng weine, a sa itse kwa e tswang teng, go itse badiredi fela ba ba gileng metsi, bitsa monyadi, 10 Ha mo raya a re: "Motho mongwe le mongwe o a tle a ntshe weine e e monate pele, mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe e e seng monate. Wena o bolokile weine e e monate go fitlha jaanong." 11 Sesupo seo sa ntlha Jesu o se dirile kwa Kana wa Galelea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.

Jesu mo Tempeleng

12 Morago ga moo a ya kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe le bomonnawe le barutwa ba gagwe, ba tlhola teng malatsi a se kae. 13 Jaanong Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a ya kwa Jerusalema. 14 A fitlhela ba ba rekisang dikgomo le dinku le maeba le baananyi ba madi ba ntse mo Tempeleng. 15 Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola. 16 A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: "Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo." 17 Foo barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe ga twe: "Go tlhoafalela Ntlo ya gago go tla nja." 18 Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: "O ka re bontsha sesupo sefe gore o ka dira dilo tseo?" 19 Jesu a ba araba a re: "Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo." 20 Foo Bajuta ba re: "Tempele e, e agilwe dinyaga di le 46, mme ke eng fa wena o re, o tla e tsosa ka malatsi a le mararo?" 21 Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe. 22 Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, ba be ba dumela Lokwalo le lefoko le Jesu a le buileng.

Jesu o itse se se mo mothong

23 E rile a le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo, batho ba bantsi ba dumela mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse a ntseng a di dira. 24 Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe, 25 a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong."

Johane 3

Puisanyo ya ga Jesu le Nikotemo

1 Go ne go le motho wa Bafarisai yo o bidiwang Nikotemo, mongwe wa lekgotla la Bajuta. 2 Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: "Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae." 3 Jesu a mo araba a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe go tswa godimo, ga a ka ke a lemoga puso ya Modimo." 4 Nikotemo a mo fetola a re: "Motho yo o godileng a ka tsalwa jang? A a ka ba a tsena la bobedi mo mmeleng wa ga mmaagwe, a boa a tsalwa?" 5 Jesu a araba a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo pusong ya Modimo. 6 Se se tsetsweng ke nama, ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa, ke mowa. 7 O se gakgamale, fa ke go reile ka re: Lo tshwanetse go tsalwa go tswa godimo. 8 Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa mosumo wa yona, mme ga o itse kwa e tswang teng le kwa e yang teng. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo." 9 Nikotemo a mo fetola a re: "Dilo tse, di ka dirafala jang?" 10 Jesu a mo araba a re: "O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye? 11 Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Re bolela se re se itseng, re bile re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. 12 Fa ke lo boleletse dilo tsa lefatshe, mme lo sa dumele, lo ka dumela jang, fa ke lo bolelela tsa legodimo? 13 Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong. 14 "Mme Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa, jaaka Mose a kile a tlhatlosa noga kwa sekakeng, 15 gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene, a se latlhege, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. 16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. 17 Kana Modimo ga o a roma Morwaa-ona mo lefatsheng gore a atlhole lefatshe, mme e le gore lefatshe le pholosiwe ka ene. 18 "Yo o dumelang mo go ene ga a atlholwe. Yo o sa dumeleng o setse a atlhotswe, ka a se ka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. 19 Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 20 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a de mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa. 21 Mme yo o dirang boammaaruri o tla kwa leseding gore ditiro tsa gagwe di bonatshege gore di dirilwe ka Modimo."

Jesu o mo Jutea. Tshupo ya Mokolobetsi

22 Morago ga dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba fitlha mo lefatsheng la Jutea; a nna nabo teng, a ba a kolobetsa. 23 Johane le ene o ne a kolobetsa kwa Enone, gaufi le Salime; gonne metsi a ne a le mantsi teng, mme batho ba ya teng, ba kolobediwa. 24 Gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo. 25 Jaanong ga tsoga kganetsanyo fa gare ga barutwa ba ga Johane le Mojuta mongwe ka ga phepafatso. 26 Ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: "Moruti, yo o neng a na nao kwa moseja ga Joretane, yo o supileng ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme botlhe ba ya go ene." 27 Johane a araba a re: "Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a sa se newa ke Modimo. 28 Lona ka losi lo basupi ba me ba gore ke boletse ka re: 'Nna ga ke Keresete, mme ke romilwe go mo etelela pela fela.' 29 Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong. 30 Ene o tshwanetse go gola, mme nna ka ngotlafala.

Yo o tswang kwa godimo le yo o tswang lefatsheng

31 "Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe. Yo o tswang mo lefatsheng ke wa lefatshe, o bile o bua ka ga lefatshe. Yo o tswang kwa legodimong o godimo ga botlhe. 32 Se o se bonyeng, a ba a se utlwa, ke sona se a se supang; mme tshupo ya gagwe ga e amogelwe ke ope. 33 Yo o amogetseng tshupo ya gagwe o tlhomamisitse gore Modimo o boammaaruri. 34 Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne o aba Mowa kwa ntle ga selekanyo.' 35 Rara o rata Morwa, mme dilo tsotlhe o di tsentse mo seatleng sa gagwe. 36 Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame."

Johane 4

Jesu fa sedibeng sa ga Jakobe kwa Samaria

1 E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane. 2 - le fa Jesu ka esi a ne a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe - 3 a tloga mo Jutea, a ba a boela kwa Galelea. 4 Mme o ne a tshwanetse go ralala Samaria. 5 Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria o o bidiwang Sigare, gaufi le tshimo e Jakobe a neng a e file Josefa morwawe. 6 Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare. 7 Ga tla mosadi wa Samaria go ga metsi. Jesu a mo raya a re: "Mphe ke nwe!" 8 Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng go reka dijo. 9 Jaanong mosadi wa Mosamaria a mo raya a re: "Wena yo o leng Mojuta o ka kopa jang metsi mo go nna ke le mosadi wa Mosamaria?" A re jalo ka gonne Bajuta ba ne ba sa tsalane le Basamaria. 10 Jesu a mo araba a re: "Fa o ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang." 11 Mosadi a mo raya a re: "Morena, ga o na segelelo, mme sediba se boteng; metsi a a phelang o ka a tsaya kae? 12 A o mogolo go rraetsho Jakobe yo o re neileng sediba se, yo o neng a nwa mo go sona ka esi le bomorwawe le diruiwa tsa gagwe?" 13 Jesu a mo fetola a re: "Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla nyorwa gape; 14 mme yo o ka nwang metsi a nna ke tla a mo nayang, ga a ka ke a tlhola a nyorwa ka bosena-bokhutlo; mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna motswedi mo go ene o o elelang go isa bophelong jo bo sa khutleng." 15 Mosadi a mo raya a re: "Morena, a o ko o mphe metsi ao, gore ke se tlhole ke nyorwa, le e seng go tla kwano go ga." 16 Jesu a mo raya a re: "Yaa o bitse monna wa gago, lo tle kwano!" 17 Mosadi a fetola a re: "Ga ke na monna." Jesu a mo raya a re: "O buile sentle, fa o re, ga o na monna; 18 gonne ke banna ba batlhano ba ba neng ba go nyala, mme yo o nang nae kajeno ga se monna wa gago; moo o buile nnete." 19 Mosadi a mo raya a re: "Morena, ke lemoga gore o moporofeti. 20 Borraetsho ba ne ba obamela mo thabeng e, mme lona lo a re: Jerusalema ke felogosi fa go tshwanetseng ga obamelwa teng." 21 Jesu a mo raya a re: "Mosadi, o ntumele, nako e e tla e lo se kitlang lo obamela Rara ka yona mo thabeng e, le fa e le kwa Jerusalema. 22 Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng. 23 Mme nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baobamedi ba nnete ba tla obamelang Rara ka yona ka Mowa le ka boamaaruri; gonne Rara o batla baobamedi ba ba ntseng jalo. 24 Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go o obamela ka Mowa le ka boammaaruri." 25 Mosadi a mo raya a re: "Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe." 26 Jesu a mo raya a re: "Ke nna yo ke buang nao." 27 Ke fa barutwa ba gagwe ba tla; mme ba gakgamala, ka a bua le mosadi. Le fa go ntse jalo ga se ka ga nna ope yo o reng: "O batlang?" gongwe go Jesu: "O buelang nae?" 28 Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motseng, a raya batho a re: 29 "Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?" 30 Ba tswa mo motseng, ba tla go ene. 31 Barutwa ba sala ba mo rapela ba re: "Moruti, a o ko o je!" 32 Ene a ba raya a re: "Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng." 33 Jaanong barutwa ba botsanya ba re: "A mongwe o mo tsiseditse dijo?" 34 Jesu a ba raya a re: "Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe. 35 A ga lo re: 'Go setse dikgwedi tse nne go ya thobong'? Bonang, ke lo raya ke re: Tsholetsang matlho, lo lebe masimo; gonne a setse a sweufaletse thobo. 36 Yo o robang o amogela tuelo, mme leungo o le phuthela bophelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang a itumele mmogo le yo o robang. 37 Gonne fano lefoko le le reng: 'Mongwe o a jwala, yo mongwe o a roba,' ke la nnete. 38 Ke lo romile go roba fa lo ne lo sa dira teng; go dirile ba bangwe, mme lona lo tsenye mo tirong tsa bone." 39 Basamaria ba bantsi ba motse oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo o supileng a re: "O mpoleletse tsotlhe tse ke di dirileng." 40 E rile jaanong Basamaria ba tla go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo. A tlhola teng malatsi a le mabedi. 41 Ga ba ga dumela ba bantsi go feta ba pele ka ntlha ya lefoko la gagwe. 42 Ba raya mosadi ba re: "Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe."

Jesu o mo Galelea. Phodiso ya morwa tona ya kgosi

43 Morago ga malatsi a mabedi a tswa teng, a ya kwa Galelea; 44 gonne Jesu ka esi o ne a supile gore moporofeti ga a na tlotlo epe mo lefatsheng la ga gabo. 45 E rile jaanong a fitlha kwa Galelea, Bagalelea ba mo tshola, ka ba bonye tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema mo moletlong; gonne le bone ba ne ba ile moletlong. 46 Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume. 47 E rile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa Jutea, mme o tsile kwa Galelea, a ya go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. 48 Jaanong Jesu a mo raya a re: "Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo dumele ka gope." 49 Tona ya mo raya ya re: "Morena, a o ko o tle, ngwanake a ise a swe." 50 Jesu a mo raya a re: "Tsamaya, morwao o phedile." Motho yoo a dumela lefoko le Jesu a le mo rayang, a ba a tsamaya. 51 Ya re a sa ntse a le mo tseleng, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba mmolelela gore morwawe o phedile. 52 Foo a ba botsa nako e o fodileng ka yona. Ke fa ba mo raya ba re: "E rile maabane ka nako ya motshegare go fisa ga mo tlogela." 53 Jaanong rraagwe a lemoga gore ke yona nako e Jesu a mo reileng ka yona a re: "Morwao o phedile." Mme a dumela le ba lapa la gagwe botlhe. 54 Sesupo seo ke sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tswa kwa Jutea, a ya kwa Galelea.

Johane 5

Phodiso ya molwetse zva kwa Bethesta ka Sabata

1 Morago ga tseo ga nna moletlo mongwe wa Bajuta, mme Jesu a ya Jerusalema. 2 Jaanong go na le bodiba mo Jerusalema fa Kgorong ya Dinku jo bo bidiwang Bethesta ka Sehebere, bo na le maobo a le matlhano. 3 Mo go ona go ne go letse balwetse ba bantsi le difofu le batlhotsi le baomeledi, ba ntse ba letetse kgobero ya metsi. 4 Gonne moengele o ne a tle a fologele mo bodibeng ka dinako tse dingwe, a hudue metsi; yo jaanong a tsenang pele, metsi a sena go huduiwa, a fole, le fa e ka nna bolwetse bofe jo bo mo tshwereng. 5 Jaanong go ne go le motho mongwe teng yo e setseng e le dinyaga di le 38 a ntse a lwala. 6 E rile Jesu a mmona a letse, mme a utlwa gore ga a bolo go nna jalo, a mo raya a re: "A o rata go fola?" 7 Molwetse a mo araba a re: "Morena, ga ke na motho ope yo o ka ntsenyang mo bodibeng, fa metsi a huduiwa; e a re ke sa ntse ke tla, go fologele yo mongwe pele ga me." 8 Jesu a mo raya a re: "Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae!" 9 Ke fa motho yoo a fola e sa le ka nako eo, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Mme letsatsi leo e le la Sabata. 10 Ya baa gona Bajuta ba rayang yo o fodisitsweng ba re: "Ke Sabata; ga go a letlelelwa gore o rwale bolao." 11 Yoo a ba fetola a re: "Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re: 'Tsaya bolao jwa gago, o tsamae.'" 12 Ba mmotsa ba re: "Motho yoo ke mang yo o go reileng a re: 'Bo tsee o tsamae'?" 13 Mme yo o fodisitsweng o ne a sa mo itse; gonne Jesu o ne a ngwangwaetse, go le batho ba bantsi mo felong foo. 14 Morago ga moo Jesu a mmona mo Tempeleng, a mo raya a re: "Bona, o fodile; o se tlhole o leofa, gore se se bosula bogolo se se go dirafalele." 15 Motho yoo a ya a bolelela Bajuta gore ke Jesu yo o mo fodisitseng. 16 Ka ntlha ya moo Bajuta ba tlhomara Jesu, ba batla go mmolaya, ka a dirile dilo tseo ka Sabata.' 17 Jesu a ba fetola a re: "Rre o sa dira le ka nako eno, le nna ke a dira." 18 Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba ne ba batla bogolo go mmolaya, e seng fela ka a sentse Sabata, mme le gona e le ka a rile, Modimo ke rraagwe, a itekanya le Modimo.

Modimo Rara le Morwa

19 Ya baa gona Jesu a ba fetolang a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Morwa o palelwa ke go dira sengwe ka bogagagwe, fa a sa bone Rara a se dira; gonne tse ene o di dirang, Morwa le ene o di dira jalo. 20 Kana Rara o rata Morwa, o mmontsha tsotlhe tse o di dirang, e bile o tla mmontsha ditiro tse dikgolo bogolo go tse gore lo gakgamale." 21 Gonne Morwa o phedisa ba o ratang go ba phedisa, jaaka Rara a tsosa baswi, a ba phedisa. 22 Le gona Rara ga a atlhole ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa 23 gore botlhe ba tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa, ga a tlotle Rara yo o mo romileng. 24 "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o utlwang lefoko la me, a dumela ene yo o nthomileng, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme ga a tsene mo katlholong; o dule mo losong, a tshelela botshelong. 25 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo ka yona, mme ba ba le utlwang ba tla phela. 26 Gonne Rara o neile Morwa go nna le bophelo mo go ene ka esi, jaaka ene a na le botshelo mo go ene ka esi. 27 O bile o mo neetse thata ya go atlhola, ka e le ene Morwa-Motho. 28 Se gakgamaleleng moo; gonne nako e e tla e botlhe ba ba mo diphupung ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yona. 29 Ba tla tswa, ba ba dirileng tse di molemo go ya tsogong ya bophelo, ba ba dirileng tse di bosula bone go ya tsogong ya katlholo.

Boipolelo jwa ga Jesu

30 "Ga nka ke ka dira sepe ka bogame. Ke atlhola ka fa ke utlwang ka teng, mme katlholo ya me ke ya tshiamo; gonne ga ke batle thato ya me, ke batla thato ya yo o nthomileng. 31 "Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e ka se nne nnete. 32 Ke o sele yo o supang ka ga me, mme ke itse gore tshupo e o e supang ka ga me ke nnete. 33 Lo romile batho kwa go Johane, mme o supile boammaaruri. 34 Nna ga ke amogele tshupo mo mothong, mme dilo tse ke di bua gore lo pholosiwe. 35 Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang, mme lona lo ne lwa rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana fela. 36 "Nna ke na le tshupo e e fetang ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsona ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me gore Rara o nthomile. 37 Rara yo o nthomileng le ene o supile ka ga me. Ga lo ise lo utlwe lentswe la gagwe ka motlha ope, le fa e le go bona gore o ntse jang. 38 Le Lefoko la gagwe ga le nne mo go lona; gonne ga lo dumele yo a mo romileng. 39 Lo batlisisa Dikwalo; gonne lo itlhoma lo ka nna le botshelo jo bo sa khutleng ka tsona, e tswe e le tsona tse di supang ka ga me. 40 Mme lo gana go tla kwa go nna, gore lo tle lo nne le bophelo. 41 "Ga ke newe tlotlo ke batho. 42 Mme ke itse gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona. 43 Nna ke tsile mo leineng la ga Rre, mme ga lo ntshole; fa o sele a ka itlela ka leina la gagwe, ene lo tla mo tshola. 44 Lo ka dumela jang lona ba lo tlotlanang, mme tlotlo e e tswang mo Modimong o le osi yona lo sa e batle? 45 Lo se ka lwa gopola gore nna ke tla lo baya molato mo go Rara. Mose ke ene yo o lo bayang molato, yo lo solofetseng mo go ene. 46 Gonne fa lo ka bo lo dumetse Mose, le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne ene o kwadile ka ga me. 47 Mme fa lo sa dumele dikwalo tsa gagwe, mafoko a me lo ka a dumela jang?"

Johane 6

Jesu o jesa batho ba ba dikete tse tlhano

1 E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia. 2 Bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo latela, ka ba bonye ditshupo tse a di dirileng mo balwetsing. 3 Jaanong Jesu a tlhatlogela mo thabeng, a nna teng le barutwa ba gagwe. 4 Mme Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, ya bo e le gaufi. 5 Ya re Jesu a tsholetsa matlho, mme a bona bontsi jo bogolo bo tla go ene, a raya Filipo a re: "Re tla reka dinkgwe kae, gore bao ba je?" 6 Mme a bo a bua jalo, e le go mo leka fela; gonne ene ka esi o ne a itse se a tla se dirang. 7 Filipo a mo araba a re: "Dinkgwe tsa diranta di le 40 ga di ka ke tsa ba lekana, gore mongwe le mongwe a amogele go le gonnye." 8 Mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, a mo raya a re: 9 "Mosimane ke yo, o na le dinkgwe tse tlhano tsa garase le ditlhatswana tse pedi; mme tse e ka nna eng mo bontsing jo bo kana?" 10 Ke fa Jesu a re: "Nnisang batho fa fatshe!" Gona foo go ne go le bojang jo bontsi. Jaanong banna ba nna fa fatshe, palo ya bone e ka ne e le dikete tse tlhano. 11 Jesu a ba a tsaya dinkgwe, a leboga, a di abela barutwa, mme barutwa ba di abela ba ba ntseng fa fatshe; le tsona ditlhatswana fela jalo, ka fa ba ratang ka teng. 12 Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: "Selang masadisa gore go se latlhege sepe." 13 Ba a sela, ba tlatsa ditlatlana di le 12 ka masadisa a dinkgwe tse tlhano tsa garase a a setseng mo go ba ba jeleng. 14 Jaanong ya re batho ba bona sesupo se o se dirileng, ba re: "Ammaaruri, ke ene moporofeti yo go tilweng o tla tla mo lefatsheng. 15 Ya re ka Jesu a lemoga gore ba tla tla go mo tsaya ka thata go mo dira kgosi, a ngwega, a boela gape kwa thabeng a le esi.

Morena o tsamaya mo godimo ga letsha

16 E rile go tshwara letlatlana, barutwa ba gagwe ba fologela kwa letsheng, 17 ba ya ba palama mokoro, ba tshela letsha go ya kwa Kaperenaume. Mme ga nna lefifi, Jesu a ise a be a tle go bone. 18 Jaanong letsha la huduiwa ke go foka ga phefo e kgolo. 19 Ya re ba tsweletse pele e ka nna dimaele tse tharo gongwe tse nne, ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga letsha, a atamela mokoro; mme ba boifa. 20 Foo a ba raya a re: "Ke nna, se boifeng!" 21 Ke fa ba rata gore a palame mokoro, mme mokoro wa akofa wa fitlha kwa lefatsheng le ba yang go lone.

Batho ba batla Jesu kwa Kaperenaume

22 Ka moso batho ba ba emeng kwa moseja ga letsha ba lemoga gore go ne go se na mokoro ope o sele, fa e se o le mongwe fela o barutwa ba ga Jesu ba neng ba o palama, le gore Jesu ga a ka a o palama le barutwa ba gagwe, mme barutwa ba gagwe ba tsamaile ba le bosi fela. 23 Mekoro e mengwe e e tswang Tiberia ya atamela felong fa ba jetseng senkgwe teng, Morena a sena go leboga. 24 Ya re jaanong batho ba bona fa Jesu a se teng le e seng barutwa ba gagwe, le bone ba palama mekoro, ba ya kwa Kaperenaume, go batla Jesu.

Jesu ke senkgwe sa bophelo

25 Ya re ba mo fitlhela kwa moseja ga letsha, ba mmotsa ba re: "Moruti, o tlile leng kwano?" 26 Jesu a ba araba a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga lo mpatle ka gonne lo bonye ditshupo, mme ke ga gonne lo jele dinkgwe, lwa kgora. 27 Se tlhoafaleleng sejo se se nyelelang, mme lo tlhoafalele sejo se se nnelang go ya go fitlha bophelong jo bo sa khutleng, se Morwa-Motho o tla se lo nayang; gonne ke ene yo Rara, e bong Modimo, o mo kanneng." 28 Ba mo raya ba re: "Re ka itheng gore re tlhoafalele ditiro tsa Modimo?" 29 Jesu a ba araba a re: "Tiro ya Modimo ke gore lo dumele mo go ene yo o romilweng ke ona." 30 Ba mo raya ba re: "Kana o dira sesupo sefe gore re bone, re go dumele? O itshupa ka tiro efe? 31 Borraetsho ba jele Mmana kwa sekakeng, jaaka go kwadilwe ga twe: 'O ba file senkgwe se se tswang kwa legodimong go se ja.'" 32 Jesu a ba raya a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga se Mose yo o lo fileng senkgwe se se tswang kwa legodimong, ke Rre yo o lo fang senkgwe sa nnete se se tswang kwa legodimong. 33 Gonne senkgwe sa Modimo ke sona se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe bophelo." 34 Ba mo raya ba re: "Morena, re fe senkgwe seo ka metlha yotlhe." 35 Jesu a ba raya a re: "Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa. 36 Mme ke lo boleletse ka re: Go mpona lo mponye, mme ga lo dumele." 37 Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle. 38 Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng. 39 Mme thato ya yo o nthomileng ke go re, botlhe ba o ba nneileng ke se ka ka latlhegelwa ke ope wa bone, mme bogolo ke be ke ba tsose ka letsatsi la bofelo. 40 Gonne thato ya ga Rre ke go re, mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a ba a dumela mo go ene, a nne le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tle ke mo tsose ka letsatsi la bofelo.'" 41 Jaanong Bajuta ba mo ngongoregela, ka a rile: "Ke nna senkgwe se se fologileng kwa legodimong," 42 ba re: "Yo a ga se Jesu, morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang jaanong fa a re: 'Ke fologile kwa legodimong'?" 43 Jesu a ba fetola a re: "Se tlhotlheletsaneng go ngongorega. 44 Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna fa e se yo o gogwang ke Rara yo o nthomileng; mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo. 45 Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: 'Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.' Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna. 46 Ga se go re motho mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong; ke ene yo o bonyeng Rara. 47 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna o na le bophelo jo bo sa khutleng. 48 Ke nna senkgwe sa bophelo. 49 Borraeno ba ne ba ja Mmana kwa sekakeng, mme ba sule. 50 Se ke sona senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore motho a se je, mme a se ka a swa. 51 Ke nna senkgwe se se phelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe se, o tla phela ka bosenabokhutlo; mme senkgwe se ke tla se abang ke nama ya me e ke tla e neelang losong gore lefathe le tle le phele." 52 Ya baa gona Bajuta ba ganetsanyang ba re: "Yo a ka re naya nama ya gagwe jang go e ja?" 53 Jesu a ba raya a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa je nama ya Morwa-Motho, lwa ba lwa nwa madi a gagwe, ga lo na bophelo mo teng ga lona. 54 Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo; 55 gonne nama ya me ke sejo tota, le madi a me ke seno tota. 56 Yo o jang nama ya me, a ba a nwa madi a me, o ntse mo go nna, le nna ke ntse mo go ene. 57 Yo o njang o tla phela ka ntlha ya me, jaaka Rara yo o phelang a nthomile, mme le nna ke phela ka ntlha ya ga Rara. 58 Se ke sona senkgwe se se fologileng kwa legodimong, e seng jaaka borraeno ba ne ba ja, mme ba swa. Yo o jang senkgwe se o tla phela ka bosakhutleng." 59 Dilo tse o di buile, fa a ruta mo senagogeng kwa Kaperenaume.

Tenego ya barutwa, maipolelo a ga Petoro

60 E rile jaanong ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba utlwa, ba re: "Lefoko le, le thata; ke mang yo o ka le utlwelelang?" 61 Ya re ka Jesu a itse ka bogagagwe gore barutwa ba gagwe ba ngongoregela seo, a ba raya a re: "A seo se a lo kgopisa? 62 Jaanong lo tla reng fa lo bona Morwa-Motho a tlhatlogela kwa a neng a le teng pele? 63 Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo. 64 Mme go na le bangwe mo go lona ba ba sa dumeleng." Jesu o ne a itse go tloga tshimologong gore ba ba sa dumeleng ke bomang, le gore yo o tla mo tshwarisang ke mang. 65 A boa a re: "Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara." 66 Go tloga foo ba bantsi ba barutwa ba gagwe ba boela kwa morago, ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae. 67 Jaanong Jesu a raya ba ba 12 a re: "A le lona lo rata go tsamaya?" 68 Simone Petoro a mo araba a re: "Morena, re tla ya go mang? Wena o na le mafoko a bophelo jo bo sa khutleng. 69 mme re dumetse, re bile re itse gore ke wena Moitshepi wa Modimo." 70 Jesu a ba araba a re: "A ga ke a lo itlhaolela lo le 12? Mme mongwe wa lona ke Diabolo." 71 O ne a raya Jutase Isekariote, morwa Simone; gonne e ne e le ene yo o tla mo tshwarisang, e le mongwe wa ba ba 12.

Johane 7

Bomonnaa Jesu ga ba dumele

1 Morago ga tseo Jesu a nna a tsamaya mo Galelea; gonne o ne a sa rate go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba batla go mmolaya. 2 Jaanong moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o le gaufi. 3 Ke fa bomonnawe ba mo raya ba re: "Tloga mono, o ye kwa Jutea gore le barutwa ba gago ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang. 4 Gonne ga go ope yo o dirang sengwe mo sephiring, fa ene ka esi a batla go nna mo ponatshegong. Fa o dira dilo tse, iponatse mo lefatsheng." 5 Gonne le bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene ka sebaka sele. 6 Jesu a ba raya a re: "Nako ya me ga e ise e tle, mme lona lo ka dira ka nako tsotlhe. 7 Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula. 8 A go ye lona kwa moletlong, nna ga ke ya kwa go ona jaanong; gonne nako ya me ga e ise e dale." 9 E rile a sena go bua dilo tseo nabo, a sala mo Galelea.

Jesu o ya kwa Jerusalema

10 Ya re bomonnawe ba sena go ya, le ene a ya kwa moletlong, e se mo pepeneneng, mme e le mo sephiring. nKe fa Bajuta ba mmatla mo moletlong ba re: "Yole o kae?" 12 Mme go ne go le phapaano e kgolo mo bathong ka ntlha ya gagwe; gonne bangwe ba ne ba re: "O molemo;" ba bangwe ba re: "Nnyaya, kana o timetsa batho." 13 Le fa go ntse jalo ga bo go se ope yo o buang ka ga gagwe ka phuthologo ka ntlha ya go boifa Bajuta."

Jesu o emela thuto ya gagwe

14 E rile e setse e le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng, a ruta. 15 Ke fa Bajuta ba gakgamala ba re: "Monna yo, o itse Dikwalo jang, etswe a sa rutwa?" 16 Jesu a ba araba a re: "Thuto ya me ga se ya me, ke ya yo o nthomileng. 17 Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela. 18 Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene. 19 A Mose ga a a lo naya molao? Mme le fa go ntse jalo ga go ope wa lona yo o tshegetsang molao. Lo batlelang go mpolaya?" 20 Batho ba araba ba re: "O a tsenwa; ke mang yo o batlang go go bolaya?" 21 Jesu a ba araba a re: "Ke dirile tiro e le nngwe fela, mme lo gakgametse lotlhe. 22 Mose o lo neile bogwera; - e se gore bo tswa mo go Mose, bo tswa mo go borraeno - mme lo a tle lo rupise motho ka letsatsi la Sabata. 23 Fa motho a rupisiwa ka Sabata, gore molao wa ga Mose o se dirololwe, ke eng fa lo nkgalefetse, fa ke fodisitse motho yotlhe ka Sabata? 24 Se atlholeng ka fa lo bonang; atlholang ka katlholo e e siameng."

Jesu ke mang?

25 Jaanong bangwe ba Jerusalema ba re: "Yoo a ga se ene yo ba batlang go mmolaya? 26 Kana o bua ka phuthologo, mme ga ba mo ree sepe. A jaana ruri balaodi ga ba a lemoga, fa e le ene Keresete? 27 Mme re itse kwa monna yo a tlhagang teng; mme motlhang Keresete a tlang, ga go ope yo o tla itseng kwa a tlhagang teng." 28 Foo Jesu a tsholetsa lentswe mo Tempeleng, a ruta a re: "A lo a nkitse, a lo itse kwa ke tswang teng? Kana ga ke a itlisa, mme yo o nthomileng ke wa nnete, yo lo sa mo itseng. 29 Nna ke a mo itse; gonne ke fa go ene, e bile o nthomile." 30 Jaanong ba batla go mo tshwara; mme ga se ka ga nna ope yo o mo ntshetsang letsogo, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle." 31 Mme ba bantsi ba morafe ba dumela mo go ene, ba be ba re: "A fa Keresete a tla, o tla dira ditshupo tse dintsi bogolo go tse monna yo a di dirileng?"

Jesu le baganetsi ba gagwe

32 Ya re Bafarisai ba utlwa gore batho ba seba jalo ka ga gagwe, bone baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba roma batlhanka go mo tshwara. 33 Jaanong Jesu a re: "Ke sa na le lona ka bokhutshwanyane fela, mme ke ya go ene yo o nthomileng. 34 Lo tla mpatla, mme ga lo kitla lo mpona; le gona kwa ke leng teng lona ga lo kgone go fitlha teng." 35 Foo Bajuta ba raana ba re: "Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika? 36 Lefoko la reng, le a le buileng a re: 'Lo tla mpatla, mme lo se ke lo mpone, le gona fa ke leng teng, lona ga lo kgone go fitlha teng'?" Jesu ke motswedi wa nnete 37 Ka letsatsi la bofelo, e le le legolo la moletlo, Jesu a bo a erne, a tsholetsa lentswe a re: "Fa mongwe a nyorilwe, a a tle go nna, a nwe! 38 Yo o dumelang mo go nna, 'dinoka tsa metsi a a phelang di tla ela di tswa mo mmeleng wa gagwe,' jaaka Dikwalo di buile." 39 Mme o ne a bua jalo ka ga Mowa o ba ba dumelang mo go ene ba tla o amogelang; gonne Mowa o o Boitshepo o ne o ise o nne teng, ka Jesu a ne a ise a galalediwe.

Kganetsanyo ya Bajuta

40 Jaanong e rile bangwe mo bathong ba sena go utlwa mafoko ao, ba bua ba re: "Ammaaruri, ke ene moporofeti yole." 41 Ba bangwe ba re: "Ke ene Keresete." Ba bangwe ba re: "A Keresete a ka tswa kwa Galelea?e 42 A Lokwalo ga lo a ka lwa re: Keresete o tla tswa mo losikeng lwa ga Dafita le mo motsaneng wa Betleheme, mo Dafita a neng a le teng?" 43 Ga ba ga nna kgaogano mo bathong ka ga gagwe. 44 Bangwe ba bone ba batla go mo tshwara, mme ga bo go se ope yo o mo ntshetsang letsogo.

Go sa dumeleng ga ba Lekgotla

45 Ke fa batlhanka ba boela kwa baperesiting ba bagolo le Bafarisaing; mme bone ba ba raya ba re: "Lo ne lo sa mo tsisetseng?" 46 Batlhanka ba araba ba re: "Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka motho yole." 47 Bafarisai ba ba fetola ba re: "A le lona lo timeditswe? 48 A mongwe wa balaodi gongwe wa Bafarisai o dumetse mo go ene? 49 Kana morafe o, o o sa itseng molao, o hutsitswe!" 50 Nikotemo, mongwe wa bone yo o kileng a tla go ene, a ba raya a re. 51 "A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?" 52 Ba mo araba ba re: "A le wena o wa kwa Galelea? Tlhotlhomisa o bone gore ga go na moporofeti ope yo o ka tswang kwa Galelea." 53 Jaanong ba tsamaya, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.

Johane 8

Mosadi wa seaka

1 Jaanong Jesu a ya kwa Thabeng ya Diolefa. 2 A ba a boela gape kwa Tempeleng ka moso go sa le phakela, mme batho botlhe ba tla kwa go ene, a dula, a ba ruta. 3 Foo Baitse-dikwalo le Bafarisai ba tsisa go ene mosadi yo o tshwerweng mo boakeng. Ya re ba sena go mo emisa mo gare ga bone, 4 ba mo raya ba re: "Moruti, mosadi yo, o tshwerwe, a akafala. 5 Mme Mose o re laetse mo molaong gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka majwe. Jaanong wena o a reng?" 6 Ba ne ba bua jalo, e le go mo lalela gore ba baane le se ba ka mmayang molato ka sona. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana fa fatshe. 7 Ya re ba tsweletse go mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: "Yo o se nang sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o mo konopang ka lentswe." 8 A boa a inama, a kwala fa fatshe. 9 Ya re ba utlwa, mme ba latofadiwa ke digakolodi tsa bone, ba tswa ka monokela go simolola ka bagolo go ya go wa bofelo, Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse a eme fa gare. 10 Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone ope, fa e se mosadi fela, a mo raya a re: "Mosadi, balatofatsi bale ba gago ba kae? A ga go ope yo o go atlhotseng?" 11 Yoo a re: "Ga go ope, Morena." Jesu a mo raya a re: "Le nna ga ke go atlhole. Tloga o tsamae, mme o se tlhole o leofa.'>

Jesu ke lesedi la lefatshe

12 Jesu a ba a bua nabo gape a re: "Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ka ke a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la bophelo." 13 Ke fa Bafarisai ba mo raya ba re: "O supa ka ga gago fela, tshupo ya gago ga se ya nnete." 14 Jesu a ba fetola a re: "Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me ke ya nnete; gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng, mme lona ga lo itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng. 15 Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16 Le fa nna nka atlhola, katlholo ya me e tla bo e le ya nnete; gonne ga ke nosi, ke nna le yo o nthomileng. 17 Le gona go kwadilwe mo molaong wa lona gore tshupo ya batho ba le babedi ke ya nnete. 18 Ke nna yo ke supang ka ga me, le Rara yo o nthomileng o supa ka ga me." 19 Foo ba mo raya ba re: "Rraago o kae?" Jesu a araba a re: "Ga lo nkitse le fa e le Rre. Fa lo ka bo lo nkitse, le ene Rre lo ka bo lo mo itse." 20 Mafoko a, o ne a a buela fa letloleng la dineo, a ruta mo Tempeleng; mme ga se ka ga nna ope yo o mo tshwarang, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle.

Jesu le baganetsi ba gagwe

21 Jesu a boa a ba raya a re: "Ke a tsamaya; lo tla mpatla, mme lo tla swela mo dibeng tsa lona. Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng." 22 Bajuta ba re: "A o tla ipolaya, fa a re: 'Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng'?" 23 Jesu a ba raya a re: "Lona lo ba tlase, nna ke wa godimo; lona lo ba lefatshe leno, nna ga ke wa lefatshe leno. 24 Ke ka moo ke lo reileng ka re: Lo tla swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo dibeng tsa lona." 25 Ba mo raya ba re: "Wena o mang?" Jesu a ba raya a re: "Ke sa le ene yo ke lo ipoleletseng mo tshimologong. 26 Ke na le dilo tse dintsi go di bolela ka ga lona le go di atlhola. Mme yo o nthomileng ke wa nnete, mme dilo tse ke di utlwileng mo go ene ke tsona tse ke di bolelelang lefatshe." 27 Ga ba a ka ba lemoga gore o bua nabo ka ga Rara. 28 Jaanong Jesu a ba raya a re: "E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa-Motho, gona lo tla itse gore ke nna ena, le gore ga ke dire sepe ka bogame, mme ke bua dilo tse, jaaka Rre a nthutile. 29 Yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka gale tse di mo kgatlhang." 30 Ya re a bua dilo tse, ba bantsi ba dumela mo go ene.

Morwa Modimo o tlisa kgololesego

31 Jaanong Jesu a raya Bajuta ba ba mo dumetseng a re: "Fa lo nna mo lefokong la me, lo bo lo le barutwa ba me ruri. 32 Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola." 33 Ba mo fetola ba re: "Re bana ba ga Aborahame, ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. O bua jang, fa o re: 'Lo tla gololesega'?" 34 Jesu a ba araba a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo. 35 Mme motlhanka ga a nne mo ntlong ka gale, mme Morwa ene o nna ka gale. 36 Fa jaanong Morwa a ka lo golola, lo tla bo lo gololesegile tota. 37 Ke itse gore lo bana ba ga Aborahame, mme lo batla go mpolaya, ka lefoko la me le se na bonno mo go lona. 38 Nna ke bua tse ke di bonyeng mo go Rre, le lona lo dira tse lo di utlwileng mo go rraeno." 39 Ba mo araba ba re: "Rraetsho ke Aborahame." Jesu a ba raya a re: "Fa lo ka bo lo le bana ba ga Aborahame, lo. ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame. 40 Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna motho yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong; Aborahame ga a a ka a dira jalo. 41 Lona lo dira ditiro tsa ga rraeno." Ba mo raya ba re: "Ga re a tsalwa ka boaka, re na le rraetsho a le mongwe fela, e bong Modimo." 42 Jesu a ba raya a re: "Fa Modimo e ka bo e le rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tswa kwa Modimong, ka tla. Ga ke a tla ka bogame, mme ke ona o o nthomileng. 43 Ke go reng, fa lo sa tlhaloganye puo ya rhe? Ke ka gonne lo palelwa ke go reetsa lefoko la me. 44 Lona lo tswa mo go rraeno Diabolo, lo bile lo rata go dira dikeletso tsa ga rraeno. Ene e ne e le mmolai wa batho go tswa tshimologong, ga a a ka a tlhomama mo boammaaruring; ka gonne ga go na boammaaruri bope mo go ene. Fa a bua maaka, o bua se ene a leng sona; gonne ke ene moaki le rraa-maaka. 45 Mme nna, e re ka ke bolela boammaaruri, ga lo ntumele. 46 Ke ofe wa lona yo o ka supang boleo mo go nna? Mme fa ke bua boammaaruri, ke eng lo sa ntumele? 47 Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; lona ga lo ba Modimo, ke ka moo lo sa a utlweng."

Aborahame le Jesu

48 Bajuta ba mo araba ba re: "A ga re bue nnete, fa re re, o Mosamaria, o bile o na le modemone?" 49 Jesu a fetola a re: "Nna ga ke na modemone, ke tlotla Rre, mme lona lo a ntlotlolola. 50 Nna ga ke ipatlele tlotlo, mme mongwe o teng yo o e batlang, yo o atlholang. 51 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa mongwe a ka dirisa lefoko la me, ga a ka ke a bona loso ka bosakhutleng." 52 Bajuta ba mo raya ba re: "Jaong re itse gore o na le modemone. Aborahame o sule, le baporofeti, mme wena o a re: 'Fa motho a ka tshegetsa lefoko la me, ga a ka ke a utlwa loso ka bosakhutleng.' 53 A wena o mogolo go Aborahame, rraetsho yo o suleng, le baporofeti ba sule? O itshema mang?" 54 Jesu a araba a re: "Fa nna ke ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe; Rre ke ene yo o nkgalaletsang, yo lo reng, ke Modimo wa lona. 55 Fela, ga lo mo itse; mme nna ke a mo itse. Fa nka bo ke re: Ga ke mo itse, nka bo ke tshwana le lona, ke le moaki; mme ke a mo itse, ke bile ke dirisa lefoko la gagwe. 56 Aborahame rraeno o ne a ipelela go tla bona letsatsi la me, a le bona, a ba a itumela." 57 Ke fa Bajuta ba mo raya ba re: "Ga o ise o nne le dinyaga di le 50, o bonye Aborahame jang?" 58 Jesu a ba raya a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Pele Aborahame a ise a tsalwe, nna ke ntse ke le teng." 59 Foo ba sela majwe go mo konopa ka ona; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo Tempeleng, a ba raletse, a tsamaya.

Johane 9

Phodiso ya sefofu

1 Erile Jesu a feta, a bona monna yo o tsetsweng e le sefofu. 2 Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: "Moruti, go leofile mang, a ke ene gongwe batsadi ba gagwe, fa a tsetswe e le sefofu jaana?" 3 Jesu a araba a re: "Ga a a leofa, le e seng batsadi ba gagwe. Go dirafetse jalo gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene. 4 Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona." 5 Fa ke sa le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe." 6 Ya re a sena go bua jalo, a kgwela fa fatshe, a duba seretse ka mathe, a tshasa matlho a sona ka seretse seo. 7 a se raya a re: "Yaa o tlhape mo bodibeng jwa Siloame!" (Mo phetolelong ke go re: Morongwa). A ya, a tlhapa, a boa a bona. 8 Jaanong ba ba agileng nae le ba ba mmonyeng pele e le mokopi ba re: "Yo a ga se ene yo o neng a tlhola a nnetse go kopa?" 9 Ba bangwe ba re: "Ke ene;"ba bangwe ba re: "Nnyaya, o tshwana le ene." Mme ene a re: "Ke nna." 10 Jaanong ba mmotsa ba re: "Matlho a gago a foufolotswe jang?" 11 A araba a re: "Motho yo o bidiwang Jesu o dubile seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: 'Yaa kwa bodibeng jwa Siloame, o tlhape.' Jaanong ka ya, mme ya re ke tlhapa, ka foufologa." 12 Ba mo raya ba re: "O kae, yoo?" Ene a re: "Ga ke itse."

Bafarisai ba botsolotsa sefofu

13 Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo o neng a foufetse pele. 14 Letsatsi le Jesu a dirileng seretse, a foufolola matlho a gagwe ka lone, e ne e le la Sabata. 15 Jaanong Bafarisai le bone ba mmotsa jalo ka fa a bonyeng pono ya gagwe ka teng. A ba raya a re: "O mpeile seretse mo matlhong, ka tlhapa, mme jaanong ke a bona." 16 Ke fa bangwe ba Bafarisai ba re: "Monna yoo ga se wa Modimo; gonne ga a tshegetse Sabata." Ba bangwe ba re: "Monna wa moleofi o ka kgona jang go dira ditshupo tse di ntseng jalo?" Ga nna kgaogano gare ga bone. 17 Ba be ba raya monna wa sefofu ba re: "Wena o a reng ka ga gagwe, ka e le foo o foufolotse matlho a gago?" Ene a re: "Ke moporofeti." 18 Bajuta ba se ka ba dumela gore o ne a foufetse, mme o bonye pono ya gagwe, go fitlhelela ba bitse bagolo ba yo o foufologileng, 19 ba ba botsa ba re: "A yo ke morwaa-lona yo go tweng o tsetswe a foufetse? Jaanong o bona jang kajeno?" 20 Bagolo ba gagwe ba araba ba re: "Re itse fela gore yo ke morwaa-rona le gore o tsetswe a foufetse. 21 Mme ga re itse ka fa jaanong a bonang ka teng; le ene yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Mo ipoletseng, o godile, o tla ikarabela." 22 Bagolo ba gagwe ba ne ba bua jalo, ka ba ne ba boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba setse ba dumalanye gore fa mongwe a ka mo ipolela gore ke Keresete, a kgaolwe mo senagogeng. 23 Ke gona ka moo bagolo ba gagwe ba rileng: "O godile, mo ipoletseng." 24 Ba boa ba bitsa motho gape yo o neng a foufetse, ba mo raya ba re: "Tlotla Modimo fela. Rona re itse gore motho yoo ke moleofi." 25 Ene a fetola a re: "Fa e le moleofi, ga ke itse; ke itse se le sengwe fela gore ke ne ke le sefofu, mme jaanong ke a bona." 26 Ba boa ba mmotsa gape ba re: "O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?" 27 A ba araba a re: "Kana ke setse ke lo boleletse, mme ga lo a ka lwa utlwa. Lo batlelang go utlwa gape? A kampo le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?" 28 Ke fa ba mo kgoba ba re: "Ke wena morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Mose. 29 Re itse gore Modimo o buile le Mose; mme yoo, ga re itse gore o tswa kae." 30 Monna yoo a ba araba a re: "Ke se se gakgamatsang, fa lo sa itse gore o tswa kae, etswe a mphoufolotse matlho. 31 Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa. 32 Go tswa tlholegong ga go ise go ke go utlwiwe ka gope gore mongwe o foufolotse matlho a yo o tsetsweng e le sefofu. 33 Fa yoo e ka bo e se wa Modimo, o ka bo a sa kgone go dira sepe." 34 Ba mo araba ba re: "O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?" Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle.

Morena o kopana le sefofu se se foufologileng

35 Jesu a utlwela gore ba mo kgaotse senagogeng. Ya re a mmona, a mo raya a re: "A o dumela mo go Morwa Modimo?" 36 A araba a re: "Morena, ke mang, gore ke tle ke dumele mo go ene?" 37 Jesu a mo raya a re: "O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao." 38 Yoo a re: "Morena, ke a dumela." A ba a mo obamela. 39 Foo Jesu a re: "Ke tletse katlholo mo lefatsheng gore ba ba sa boneng ba bone, mme ba ba bonang ba foufale." 40 Bangwe ba Bafarisai ba ba nang nae, ya re ba utlwa dilo tseo, ba mo raya ba re: "A le rona re difofu?" 41 Jesu a ba raya a re: "Fa lo ka bo lo le difofu, lo ka bo lo se na boleo; jaanong ka lo re: 'Lo a bona!' boleo jwa lona ga bo tloge.

Johane 10

Lesaka la dinku

1 A "Ammaaruri, ammaaruri ke lo A raya ke re: Yo o sa tseneng ka kgoro ya lesaka la dinku, mme a tlolela go sele, ke legodu le senokwane. 2 Mme yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. 3 Modisa wa kgoro o a mmulela, dinku di utlwa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tse e leng tsa gagwe ka maina, a di bolotse. 4 Fa a sena go bolotsa dinku tsotlhe tse e leng tsa gagwe, a di etelele pele, dinku di mo sale morago; gonne di itse lentswe la gagwe. 5 Moeng ga di ka ke tsa mo sala morago, mme di tla mo tshaba, ka di sa itse mantswe a baeng." 6 Jesu a bua nabo ka setshwantsho seo; mme bone ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng se a se buang nabo.

Jesu ke kgoro ya lesaka le modisa

7 Foo Jesu a bua gape nabo a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Ke nna kgoro ya dinku. 8 Botlhe ba ba tlileng pele ga me ke magodu le dinokwane, mme dinku ga di a ka tsa ba utlwa. 9 Ke nna kgoro. Fa mongwe a tsena ka nna, o tla pholosiwa; o tla tsena, a tswa, e bile o tla bona mafulo. 10 Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo. 11 Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o beela dinku bophelo jwa gagwe. 12 Yo e leng morapiwa, e se modisa, yo dinku e seng tsa gagwe, fa a bona phiri e tla, o tlogela dinku, a tshabe, phiri e di tshware, e di falatse. 13 Yo o rapilweng o a tshaba, ka e le morapiwa, mme a sa kgathalele dinku. 14 Ke nna modisa yo o molemo; ke itse tsa me, e bile ke itsiwe ke tsa me. 15 jaaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara; ke bile ke beela dinku bophelo jwa me. 16 Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela. 17 "E re ka nna ke neela botshelo jwa me gore ke be ke bo tsee gape, ke ka moo Rara a nthatang. 18 Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre." 19 Phapaano ya nna teng gape mo gare ga Bajuta ka ntlha ya mafoko ao. 20 Ba bantsi ba bone ba re: "O na le modemone, o tlhakanye tlhogo; lo mo reeletsang?" 21 Ba bangwe ba re: "Mafoko a ga se a motho yo o nang le modemone. A modemone o ka kgona go foufolola matlho a difofu?"

Jesu ke Morwa Modimo

22 Jaanong ga bo go le moletlo wa Ntshwafatso ya Tempele mo Jerusalema, go le mariga. 23 Jesu a tsamaya mo lapeng la Tempele, mo leobong la ga Salomo. 24 Foo Bajuta ba mo dikanyetsa, ba mo raya ba re: "O tla belaetsa mewa ya rona goleele go le kae? Fa o le Keresete, re bolelele ka thanolo." 25 Jesu a ba fetola a re: "Ke lo boleletse, mme lona ga lo dumele. Ditiro tse ke di dirang mo leineng la ga Rre ke tsona tse di supang ka ga me. 26 Mme lona ga lo dumele, ka gonne ga lo dinku tsa me, jaaka ke lo boleletse. 27 Dinku tsa me di utlwa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago. 28 Ke di naya bophelo jo bo sa khutleng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa me. 29 Rre yo o di nneileng o mogolo go botlhe, mme ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre.

Bongwefela jwa ga Jesu le Modimo

30 "Nna le Rara re bongwefela." 31 Jaanong Bajuta ba sela majwe gape gore ba mo kgobotletse." 32 Jesu a ba fetola a re: "Ke lo bontshitse ditiro tse di molemo di le dintsi tse di tswang go Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsona?" 33 Bajuta ba mo araba ba re: "Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re o le motho, o itshema Modimo." 34 Jesu a ba araba a re: "A ga go a kwalwa mo molaong wa lona ga twe: 'Ke rile, lo medimo'? 35 Fa molao o biditse bone medimo ba Lefoko la Modimo le tlileng kwa go bone - mme Lokwalo lo sa ka ke lwa dirololwa - 36 a lo bolela ka ga gagwe yo Rara a mo itshepisitseng, a mo romela mo lefatsheng, lo re: 'O a kgala,' ka ke buile ka re: 'Ke Morwa Modimo'? 37 Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rre, lo se ka lwa ntumela. 38 Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara." 39 Ba fela ba batla go mo tshwara, mme a falola mo diatleng tsa bone. 40 A ba a boela kwa moseja ga Joretane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng pele, a nna teng. 41 Mme ba bantsi ba tla go ene ba re: "Johane ga a a ka a dira sesupo sepe, mme tsotlhe tse Johane o di buileng ka ga yo, e ne e le tsa nnete." 42 Teng ba bantsi ba dumela mo go ene.

Johane 11

Bolwetse jwa ga Lasaro le loso lwa gagwe

1 Go ne go le motho yo o lwalang, e bong Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogolowe. 2 Maria yo ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri. Kgaitsadie Lasaro ke ene yo o neng a lwala." 3 Jaanong bokgaitsadie ba roma go ene ba re: "Morena, bona, yo o mo ratang o a lwala." 4 E rile Jesu a utlwa, a bua a re: "Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa kgalaletso ya Modimo gore Morwa Modimo a galalediwe ka jona." 5 Jesu a bo a rata Maretha le monnawe le Lasaro. 6 Jaanong ya re a sena go utlwa gore o a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a mabedi kwa a neng a le teng. 7 Morago ga moo a raya barutwa a re: "A re yeng gape kwa Jutea." 8 Barutwa ba mo raya ba re: "Moruti, maloba Bajuta ba ne ba batla go go kgobotletsa, mme a o boa o ya teng gape?" 9 Jesu a araba a re: "A dinako ga di 12 mo letsatsing? Fa motho a tsamaya motshegare, ga a ka ke a kgotswa; gonne o bona lesedi la lefatshe leno. 10 Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a kgotswa, ka lesedi le se teng fa go ene." 11 A bua jalo, mme morago ga moo a ba raya a re: "Lasaro, tsala ya rona, o robetse; mme ke ya teng go mo tsosa mo borokong." 12 Foo barutwa ba mo raya ba re: "Morena, fa a robetse, o tla fola." 13 Mme Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola gore o bua ka ga thobalo ya boroko. 14 Jaanong Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: "Lasaro o sule. 15 Mme ke itumela ka ntlha ya lona, fa ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele. Fela a re yeng go ene." 16 Thomase yo o bidiwang lefatlha a raya barutwa-ka-ene a re: "Le rona a re tsamaeng, re ye go swa nae."

Tsoso ya ga Lasaro

17 E rile Jesu a goroga, a fitlhela a setse a na le malatsi a le mane mo phupung. 18 Bethania o ne a le gaufi Ie Jerusalema, e ka nna dimaele di le pedi. 19 Bajuta ba bantsi ba ne ba tsile go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ntlha ya loso lwa ga kgaitsadia-bone. 20 Ya re Maretha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya a mo kgatlhantsha; Maria ene a sala a ntse mo ntlong. 21 Ke fa Maretha a raya Jesu a re: "Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa. 22 Le jaanong ke itse gore tsotlhe tse o tla di kopang Modimo, Modimo o tla di go naya." 23 Jesu a mo raya a re: "Kgaitsadio o tla tsoga." 24 Maretha a mo raya a re: "Ke itse gore o tla tsoga ka letsatsi la bofelo motlhang botlhe ba tsogang." 25 Jesu a mo raya a re: "Ke nna tsogo le bophelo; yo o dumelang mo go nna o tla phela, le fa a ka swa. 26 Mongwe le mongwe yo o phelang, a dumela mo go nna, ga a ka ke a swa ka motlha ope. A o dumela jalo?" 27 Ene a mo raya a re: "Ee, Morena, ke dumetse gore o Keresete, Morwa Modimo, yo o tlang mo lefatsheng."

Jesu o bua le Maria

28 Ya re a sena go bua jalo, a ya a bitsa monnawe Maria ka sephiri a re: "Moruti o fale, o a go bitsa." 29 Yoo e rile a utlwa, a nanoga ka pele, a ya go ene. 30 Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, mme a sa le fa Maretha a mo kgatlhantshitseng teng. 31 Bajuta ba ba neng ba na nae mo ntlong, ba mo gomotsa, ya re ba bona Maria a nanoga ka pele, a tswela kwa ntle, ba mo sala morago, ka ba gopola gore o ya kwa phupung gore a lelele teng. 32 Ya re Maria a fitlha kwa Jesu a leng teng, mme a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe a re: "Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa." "Jaanong ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a tlhabega mo moweng, a huduegarf 34 a re: "Lo mo laditse kae?" Ba mo raya ba re: "Morena, tlaa o bone." 35 Jesu a tsholola dikeledi. 36 Ke fa Bajuta ba re: "Bonang, o ne a mo rata jang ne!" 37 Mme ba bangwe ba bone ba re: "A yo o foufolotseng matlho a sefofu o paletswe ke go dira gore ene yo a se ka a swa?"

Jesu o tsosa Lasaro

38 Jaanong Jesu a ba a tlhabega, a tla fa phupung; mme ya bo e le legaga, le thibilwe ka letlapa. 39 Jesu a re: "Tlosang letlapa!" Mme Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: "Morena, o setse a na le monkgo; gonne e setse e le malatsi a mane a ntse a sule." 40 Jesu a mo raya a re: "A ga ke a ka ka go bolelela gore fa o ka dumela, o tla bona kgalalelo ya Modimo?" 41 Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a letseng teng. Jesu a lelala godimo a re: "Rara, ke a go leboga, ka o nkutlwile; 42 mme ke ntse ke itse gore o nkutlwa ka gale. Ke buile jalo ka ntlha ya batho ba ba ntikanyeditseng gore ba dumele fa o nthomiIe." 43 Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le legolo a re: "Lasaro, tswela kwano!" 44 Ke fa yo o neng a sule a tswa, a fapakilwe diatla le dinao ka masela a phupu, le sefatlhego sa gagwe se fapilwe ka lesela. Jesu a ba raya a re: "Mmofololeng, lo nte a tsamae."

Polelelo-pele ya ga Kaifase

45 Jaanong Bajuta ba bantsi ba ba neng ba tlile go Maria, ya re ba bona se Jesu o se dirileng, ba dumela mo go ene. 46 Mme bangwe ba bone ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela tse Jesu a di dirileng. 47 Jaanong baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba tsenya lekgotla le legolo ba re: "Re ka dirang, ka monna yoo a dira ditshupo tse dintsi? 48 Fa re ka mo leseletsa jalo, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla, ba re amoga lefatshe le morafe." 49 Mongwe wa bone, e bong Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: "Lona ga lo itse sepe, 50 le gona ga lo akanye, fa go le molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele morafe, mme go se ka ga latlhega morafe otlhe." 51 Fela a se ka a bua jalo ka bogagagwe, mme e rile ka e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwago oo, a bolelela-pele gore Jesu o tla swela morafe 52 e seng morafe oo fela, mme le gona e le gore a phuthe bana ba Modimo ba ba faladitsweng, a ba kopanye. 53 Go tloga ka letsatsi leo ba bo ba dumelanye gore ba mmolae. 54 Ka lebaka leo Jesu a se ka a tlhola a tsamaya mo ponong ya Bajuta; a tloga teng a ya kwa nageng e e gaufi le sekaka, kwa motseng o o bidiwang Eferaime, a nna teng le barutwa ba gagwe. 55 Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme ba bantsi ba tswa kwa nageng, ba ya kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo gore ba iphepafatse. 56 Jaanong ba batla Jesu, ba botsanya ba eme mo Tempeleng ba re: "Lo gopolang? A ga a nke a tla moletlong?" 57 Mme baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba bo ba laetse gore e re fa mongwe a itse kwa a leng teng, a bolele, gore ba ye go mo tshwara.

Johane 12

Maria o tlotsa Jesu dinao

1 E rile go sa le malatsi a marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu a ya kwa Bethania, kwa Lasaro a neng a le teng, yo Jesu a mo tsositseng mo baswing. 2 Teng ba mo direla moletlo wa dijo, mme Maretha a ba tsholela, Lasaro e le mongwe wa ba ba ntseng nae fa dijong. 3 Jaanong Maria a tsaya setlolo sa lookwane lwa narete lo lo sa tswakwang, sa tlhwatlhwa e kgolo sa bokete jwa ponto, a tlotsa dinao tsa ga Jesu, a ba a di phimola ka moriri; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo seo." 4 Ke fa mongwe wa barutwa ba gagwe, e bong Jutase Isekariote, morwa Simone, yo o tla mo tshwarisang, a re: 5 "Naare setlolo se, se ne se sa rekisediweng ka diranta di le 100, tsa tla tsa newa bahumanegi?" 6 A bua jalo, e se ka gonne a bapalela bahumanegi, mme e le ka e le legodu, a tshola sekgwama, mme a itseela tse di tsenngwang mo go sona. 7 Ke fa Jesu a re: "Mo lese; o ne a se boloketse letsatsi la phitlho ya me. 8 Kana bahumanegi bone lo na nabo ka gale, mme nna ga lo na le nna ka gale."

Maano a go bolaya Lasaro

9 Ya baa gona Bajuta ba bantsi thata ba itseng gore o teng; mme ba tla, e seng ka ntlha ya ga Jesu fela, mme le gona e le gore ba bone Lasaro yo o mo tsositseng mo baswing. 10 Foo baperesjti ba bagolo ba rera mmogo gore ba bolae le ene Lasaro; 11 gonne Bajuta ba bantsi ba ne ba ba tlogela ka ntlha ya gagwe, ba dumela mo go Jesu.

Jesu o tsena kwa Jerusalema

12 Kamoso ya re batho ba bantsi ba ba neng ba tsile moletlong ba utlwa gore Jesu o tla kwano Jerusalema, 13 ba tsaya dikala tsa mekolane, ba tswela go mo kgatlhantsha, ba tlhaba mokgosi ba re: "Hosana! Go tshegofaditswe yo o tlang ka leina la Morena, yo e leng Kgosi ya Iseraele!" 14 Ya re Jesu a bona eselana, a e palama, jaaka go kwadilwe ga twe: 15 "Morwadia Sione, o se ka wa boifa; bona, Kgosi ya gago e e tla, e palame eselana ya esele." 16 Dilo tseo barutwa ba gagwe ga ba a ka ba di tlhaloganya pele, mme ya re Jesu a sena go galalediwa, ya baa gona ba gakologelwang gore dilo tseo di kwadilwe ka ga gagwe, le gore ba di mo diretse. 17 Jaanong batho ba ba neng ba na nae, fa a bitsa Lasaro go tswa phupung, a mo tsosa baswing, ba ne ba ntse ba supa ka ga moo. 18 Ke ka ntlha ya moo batho ba ileng go mo kgatlhantsha, ka ba ne ba utlwile gore ke ene yo o dirileng sesupo seo. 19 Jaanong Bafarisai ba raana ba re: "Lemogang tlhe gore ga lo kgone sepe; kana lefatshe lotlhe le mo setse morago."

Jesu o mo Tempeleng

20 Ga bo go le Bagerika bangwe mo go bone ba ba neng ba tlile go obamela mo moletlong. 21 Bao ba tla go Filipo wa Betsaita wa Galelea, ba mo kopa ba re: "Morena, re batla go bona Jesu." 22 Filipo a ya a bolelela Andrea, mme Andrea le Filipo ba ya ba bolelela Jesu. 23 Jesu a ba araba a re: "Nako e tsile ya gore Morwa-Motho a galalediwe. 24 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung ya swa, e tla nna e le yosi; mme fa e swa, e ungwa leungo le legolo." 25 Yo o ratang bophelo jwa gagwe o bo isa tatlhegong, mme yo o tlhoileng bophelo jwa gagwe mo lefatsheng leno o tla bo bolokela bophelo jo bo se nang bokhutlo. 26 Fa motho a ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng teng, modiredi wa me le ene o tla nna teng. Fa motho a ntirela, Rara o tla mo tlotla.

Puisanyo ya ga Jesu le Bajuta

27 "Jaanong mowa wa me o huduegile, mme ke tla reng? 'Rara, nkgolole mo nakong e'? Mme kana ke tlile mo nakong e ka ntlha ya moo. 28 'Rara, galaletsa leina la gago.'" Foo ga utlwala lentswe le tswa mo legodimong le re: "Ke le galaleditse, le gona ke tla boa ke le galaletsa." 29 Ya re batho ba ba emeng teng ba utlwa, ba re: "Ke tumo ya maru." Ba bangwe ba re: "Moengele o buile nae." 30 Jesu a fetola a re: "Lentswe le ga le a tla ka ntlha ya me, mme le tlile ka ntlha ya lona. 31 Ka nako e lefatshe leno le a atlholwa; molaodi wa lefatshe leno o tla lelekelwa kwa ntle ka nako e. 32 Mme nna, e tla re fa ke sena go tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke ikgogele batho botlhe." 33 A bua jalo go supa mokgwa wa loso lo o tla lo swang. 34 Batho ba mo fetola ba re: "Re utlwile mo molaong gore Keresete o tla nna ka bosakhutleng; mme o raya jang fa o re: 'Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa'? Morwa-Motho yoo ke mang?" 35 Jesu a ba araba a re: "Lesedi le sa ntse le na le lona ka sebaka se sekhutshwane. Tsamayang, ka lo sa ntse lo na le lesedi, gore lefifi le se ka la lo tshwara; kana yo o tsamayang mo lefifing ga o itse kwa a yang teng. 36 A e re ka lo sa ntse lo na le lesedi, dumelang mo leseding gore lo nne bana ba lesedi." Jesu a bua dilo tseo, a ba a ya a ba iphitlhela.

Go sa dumeleng ga Baiseraele

37 Le fa a ne a dira ditshupo tse dintsi fa pele ga bone, ga ba a ka ba dumela mo go ene, 38 gore go dirafale lefoko la moporofeti Jesaya le a le buileng a re: "Morena, ke mang yo o dumetseng thero ya rona, letsogo la Morena le senoletswe mang?" 39 Ka ntlha ya moo ba paletswe ke go dumela; gonne Jesaya o buile gape a re. 40 "O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa dipelo tsa bone gore ba se bone ka matlho le e seng go tlhaloganya ka pelo, ba tloga ba sokologa, mme ka ba fodisa." 41 Dilo tse Jesaya o ne a di bua, ka a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe. 42 Le fa go ntse jalo ba bantsi ba balaodi le bone ba dumela mo go ene; fela ba ne ba sa ipolele ka ntlha ya Bafarisai gore e se re gongwe ba kgaolwa mo senagogeng. 43 Gonne ba ne ba rata go tlotlwa ke batho bogolo go go tlotlwa ke Modimo.

Jesu o a pholosa, ga a atlhole

44 Foo Jesu a bua ka lentswe le legolo a re: "Yo o dumelang mo go nna ga a dumele mo go nna, o dumela mo go yo o nthomileng. 45 Yo o mponang o bona ene yo o nthomileng. 46 Nna lesedi, ke tlile mo lefatsheng gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing. 47 Fa mongwe a utlwa mafoko a me, a sa a tshegetse, nna ga ke mo atlhole; gonne ga ke a tla go atlhola lefatshe, ke tsile go le pholosa. 48 Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a me, o na le se se tla mo atlholang: Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang ka letsatsi la bofelo. 49 Gonne nna ga ke a ka ka bua ka bogame, mme Rara yo o nthomileng ke ene yo o nneileng taolo ya gore ke bue eng, ke bolele eng. 50 Ke itse gore taolo ya gagwe ke bophelo jo bo sa khutleng; jaanong tse ke di buang ke di bua fela, jaaka Rara a mpoleletse."

Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao

Johane 13

1 E rile Jesu a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe e tsile ya go tloga mo lefatsheng leno le go ya kwa go Rara, a rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka botlalo, ba a ne a ntse a ba rata. 2 Ya re go nna selalelo, Diabolo a bo a setse a tsentse mo pelong ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo tshwarise; 3 Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo neetse dilo tsotlhe diatleng le gore o dule Modimong, e bile o ya kwa Modimong: 4 Ke fa a nanoga mo selalelong, a apola kobo, a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sona. 5 Morago ga moo a tshela metsi mo mogopong, a simolola go tlhapisa barutwa dinao le go di phimola ka lesela le a ikgatlhileng ka lone. 6 Jaanong ya re a tla kwa go Simone Petoro, ene a mo raya a re: "Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?" 7 Jesu a mo araba a re: "Se ke se dirang wena ga o se tlhaloganye jaanong, mme o tla se lemoga morago." 8 Petoro a mo raya a re: "Ga o ka ke wa ntlhapisa dinao ka gope." Jesu a mo fetola a re: "Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo le nna." 9 Simone Petoro a mo raya a re: "Morena, a e se nne dinao tsa me fela, mme e nne le tsona diatla le tlhogo!" 10 Jesu a mo raya a re: "Yo o tlhapisitsweng mmele otlhe, ga go batlege gore a tlhapisiwe fa e se dinao fela, gonne o itshekile gotlhe; lona lo itshekile, fela e seng lotlhe." 11 Ke go re, o ne a itse yo o tla mo tshwarisang; ke ka moo a rileng: "Ga lo a itsheka lotlhe." 12 Jaanong e rile a sena go ba tlhapisa dinao le go apara kobo le go rapama fa dijong gape, a ba raya a re: "A lo lemogile se ke se lo diretseng? 13 Lo mpitsa Moruti le Morena, mme lo bua sentle; gonne ke se ke leng sona. 14 Jaanong he, fa nna yo ke leng Morena le Moruti ke lo tlhapisitse dinao, le lona lo tshwanetse lwa ne lo tlhapisanya dinao. 15 Kana ke ne ke lo beela sekao gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse. 16 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe, le ene morongwi ga a mogolo go yo o mo romileng. 17 Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira."

Jutase o kgaolwa mo borutweng

18 "Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba itlhaoletseng. Mme Lokwalo lo tshwanetse go dirafala lo lo reng: 'Yo o jang senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe. 19 Ke lo bolelela jaanong pele go ise go dirafale gore mogang go dirafalang lo dumele gore ke nna ena. 20 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna, mme yo o ntsholang o tshola ene yo o nthomileng." 21 E rile Jesu a sena go bua dilo tse, a huduega mo moweng, a supa a re: "Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntswa." 22 Barutwa ba kobana, ba akabala gore o raya mang. 23 Mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu a mo ratang, o ne a rapame fa sehubeng sa ga Jesu. 24 Jaanong Simone Petoro a mo getla gore a botse gore o raya mang. 25 Yoo a ba a ikaega ka sehuba sa ga Jesu, a mmotsa a re: "Morena, ke mang?" 26 Jesu a araba a re: "Ke ene yo ke tla inang thathana, ke e mo naya." Jaanong ya re a sena go ina thatana, a e naya Jutase Isekariote, morwa Simone. 27 Morago ga thathana gone Satane a tsena mo go ene. Jaanong Jesu a mo raya a re: "Se o se dirang o se dire ka pele." 28 Mme ga se ka ga nna ope wa bone ba ba rapameng fa dijong yo o neng a tlhaloganya gore o buelang nae jalo. 29 Gonne e re ka Jutase a ne a tshola sekgwama, bangwe ba ne ba itlhoma gore Jesu o mo raya a re: "Reka tse re di batlelang moletlo;"gongwe a abele bahumanegi sengwe. 30 Jaanong ya re a sena go tsaya thathana, a tswa ka pele; mme go ne go le bosigo.

Taolo e ntshwa, e bong ya go ratana

31 E rile a sena go tswa, Jesu a re: "Jaanong Morwa-Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene. 32 Fa Modimo o galaleditswe mo go ene, le ene Modimo o tla mo galaletsa mo go ona, o tla akofa o mo galaletsa. 33 Banaka, ke sa na le lona sebakanyana. Lo tla mpatla, mme jaanong le lona ke lo raya jaaka ke reile Bajuta ka re: 'Kwa ke yang teng, lona lo palelwa ke go fitlha teng. 34 Ke lo naya taolo e ntshwa ya gore lo ratane, ka e le fa ke lo ratile gore le lona lo ratane. 35 Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga ka gona moo gore lo barutwa ba me."

Kitsiso ya gore Petoro o tla mo itatola

36 Simone Petoro a mo raya a re: "Morena, o ya kae?" Jesu a mo araba a re: "Kwa ke yang teng, o palelwa ke go ntatela jaanong, mme o tla ntatela morago." 37 Petoro a mo raya a re: "Morena, ke ka ntlha ya eng, fa nka palelwa ke go go latela jaanong? Le bophelo jwa me nka bo go ntshetsa." 38 Jesu a araba a re: "A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo.

Johane 14

Dipotso tsa barutwa. Dikgothatso ka ga tumelo

1 "A dipelo tsa lona di se huduege; dumelang mo Modimong, le nna, dumelang mo go nna! 2 Mo ntlong ya ga Rre go na le maago a le mantsi. Go seng jalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa manno. 3 Mme e tla re ke sena go ya le go lo baakanyetsa manno, ke boe, ke lo itseele gore kwa ke leng teng, le lona lo nne teng. 4 Mme kwa ke yang teng, lo a go itse, le tsela lo a e itse." 5 Thomase a mo raya a re: "Morena, ga re itse kwa o yang teng; mme tsela re ka e itse jang?" 6 Jesu a mo araba a re: "Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna. 7 Fa lo ka bo lo nkitse, lo ka bo lo itse le ene Rre. Mme go tloga jaanong lo a mo itse, lo bile lo mmonye." 8 Filipo a mo raya a re: "Morena, re supetse Rara, foo go tla bo go re lekanye." 9 Jesu a mo raya a re: "Ga ke bolo go nna le lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara. O bua jang fa o re: 'Re supetse Rara'? 10 A ga o dumele gore nna ke mo go Rara, le Rara o mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a bue ka bogame; mme Rara yo o nnang mo go nna ke ene yo o dirang ditiro tsa gagwe. 11 Ntumeleng gore ke mo go Rai a le Rara o mo go nna; mme fa go sa nne jalo, ntumeleng ka ntlha ya tsona ditiro. 12 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang, e bile o tla dira tse dikgolo bogolo go tse; gonne ke ya kwa go Rara. 13 Mme le fa e ka nna eng se lo ka se kopang mo leineng la me, ke tla se dira gore Rara a galalediwe mo go Morwa. 14 Fa lo kopa sengwe mo leineng la me, ke tla se dira.

Ka ga go tla ga Mozva le kagiso

15 "Fa lo nthata, lo tla dirisa ditaelo tsa me." 16 Nna ke tla rapela Rara, mme o tla lo naya Mogomotsi yo mongwe gore a nne le lona ka bosakhutleng, 17 e bong Mowa wa nnete, o lefatshe le palelwang ke go o amogela; gonne ga le o bone le e seng go o itse. Lona lo a o itse; gonne o na le lona, e bile o tla nna mo teng ga lona. 18 "Ga nke ke lo tlogela lo le masiela. Ke tla tla go lona. 19 Morago ga sebakanyana lefatshe ga le nke le tlhola le mpona; mme lona lo tla mpona; e re ka ke phela, le lona lo tla phela. 20 Tsatsing leo lo tla lemoga gore ke mo go Rre, le lona lo mo go nna, le nna ke mo go lona. 21 "Yo o tshotseng ditaolo tsa me, a di dirisa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, le nna ke tla mo rata, ke be ke mo itshenolela." 22 Jutasa, e seng Isekariote, a mo raya a re: "Morena, ke go reng, fa o tla itshenolela rona, e seng lefatshe?" 23 Jesu a mo araba a re: "Fa mongwe a nthata, o tla tlhokomela lefoko la me, le Rre o tla mo rata; mme re tla tla go ene, re aga mo go ene. 24 Yo o sa nthateng ga a tlhokomele mafoko a me; mme kana lefoko le lo le utlwang ga se la me; ke la ga Rara yo o nthomileng. 25 "Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke na le lona. 26 Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo leineng la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe, o bo o lo gakolola tsotlhe tse ke di lo boleletseng. 27 "Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke lo nee jaaka lefatshe le naya. A dipelo tsa lona di se huduege, le gona di se boife. 28 Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re: 'Ke a tsamaya, e bile ke boela go lona.' Fa lo ka bo lo nthata, lo ka bo lo itumela, fa ke rile: Ke ya go Rara; gonne Rara o mogolo go nna." 29 Ke lo boleletse jaanong, go ise go dirafale gore e re fa go dirafala, lo dumele. 30 Ga nkitla ke tlhola ke bua tse dintsi le lona; gonne molaodi wa lefatshe leno o e tla, mme ga a na thata epe mo go nna; 31 fela lefatshe le na le go itse gore ke rata Rara, ke bile ke dira ka fa a ntaetseng ka teng. "Ka moo a re nanogeng, re tlogeng fano.

Johane 15

Setlhare sa moweine le dikala tsa sona

1 "Ke nna setlhare sa moweine sa nnete; Rre ke molemi wa moweine. 2 Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlokotla gore e tle e ungwe segolo. 3 Lona lo setse lo tlokotlilwc ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. 4 Nnang mo go nna, le nna ke nne mo go lona; gonne ga lo ka ke lwa ungwa, fa lo sa nne mo go nna, jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka boyona, fa e sa nne mo moweineng. 5 "Ke nna setlhare sa moweine, lona lo dikala. Yo o nnang mo go nna le nna ke le mo go ene, o ungwa maungo a mantsi; gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe. 6 Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle, jaaka kala e latlhelwa kwa ntle, e omelele, mme di kokwanngwe, di latlhelwe mo molelong, di fisiwe. 7 Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang, se tla lo dirafalela. 8 Se Rre a ka galalediwang ka sona ke fa lo ungwa maungo a mantsi, lo nna barutwa ba me. 9 Ke lo ratile, fela jaaka Rara a nthatile; nnelang ruri mo loratong lwa me. 10 Fa lo utlwa ditaolo tsa me, lo tla nna mo loratong lwa me, fela jaaka nna ke utlwile ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gag we. 11 "Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo dale. 12 Taolo ya me ke ya gore lo ratane, fela jaaka ke lo ratile. 13 Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo lwa gore motho a ntshetse ditsala tsa gagwe bophelo jwa gagwe. l4 Lona lo ka nna ditsala tsa me, fa lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang. 15 Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe a se dirang. Lona ke lo biditse ditsala; gonne tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke di lo begetse. 16 Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng. 17 Ke lo laela dilo tse, e le gore lo ratane.

Lefatshe le tlhoile badumedi

18 "Fa lefatshe le lo tlhoa, itseng gore le ntlhoile pele ga lona. 19 Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng. 20 Gopolang lefoko le ke le lo reileng ka re: 'Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe.' Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba tlhokometse lefoko la me, le la lona ba tla le tlhokomela. 21 Mme dilo tsotlhe tseo ba tla di lo dira ka ntlha ya leina la me, ka ba sa itse yo o nthomileng. 22 Fa nka bo ke se ka ka tla ka bua nabo, ba ka bo ba se na sebe; mme jaanong ga ba na sepe se ba tla itatolang boleo jwa bone ka sona. 23 Yo o ntlhoileng o tlhoile le ene Rre. 24 Fa nka bo ke sa dira ditiro mo gare ga bone tse di sa dirwang ke ope o sele, ba ka bo ba se na sebe; mme le fa ba di bonye, ba tlhoile nna le Rre, 25 e le gore lefoko le le kwadilweng mo molaong wa bone le dirafale le le reng: 'Ba ntlhoile ka bomo.'

Tshupo ya Mowa o o Boitshepo le ya badumedi ka ga Jesu

26 "E tla re Mogomotsi a sena go tla, yo ke tla mo lo romelang, a tswa mo go Rara, e bong Mowa wa boammaaruri o o tswang kwa go Rara, o supe ka ga me. 27 Mme le lona lo tla supa; gonne lo ne lo ntse lo na le nna go tloga tshimologong.

Johane 16

1 "Dilo tse ke di buile le lona gore lo se ka lwa kgopega. 2 Ba tla lo kgaola mo disenagogeng; ee, nako e e tla e mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla itlhomang e le go direla Modimo. 3 Ee, dilo tse ba tla di dira, ka gonne ga ba itse Rara le e seng nna. 4 Dilo tse ke di lo boleletse gore motlhang nako e tlang, lo gakologelwe gore ke di lo boleletse. "Ga ke a ka ka di lo bolelela go tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse ke na le lona.

Thuso ya Mowa o o Boitshepo

5 "Jaanong ke ya go ene yo o nthomileng, mme ga go ope wa lona yo o mpotsang a re: 'O ya kae?' 6 Mme bohutsana bo tletse mo dipelong tsa lona, ka ke lo boleletse dilo tseo. 7 Mme ke lo bolelela boammaaruri, fa ke re: Go molemo go lona, fa ke tsamaya; gonne fa ke sa tsamae, Mogomotsi ga a ka ke a tla go lona. Mme fa ke tsamaya, ke tla mo romela go lona. 8 Fa a sena go tla, o tla lemosa lefatshe boleo le tshiamo le katlholo; 9 boleo, e le go sa dumeleng ga bone mo go nna; 10 tshiamo, e le fa ke ya kwa go Rre, mme lo se ne lo tlhola lo mpona; 11 katlholo, e le fa molaodi wa lefatshe leno a atlhotswe. 12 "Ke sa na le dilo tse dintsi go di lo bolelela, mme lo palelwa ke go di itshokela jaanong. 13 Fela e tla re Mowa wa boammaaruri o sena go tla, o lo gogele mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o nke o bua ka bogaona, mme o tla bua tsotlhe tse o di utlwang; o bile o tla lo itsise dilo tse di tlang. 14 Ona o tla nkgalaletsa; gonne o tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise. 15 Tsotlhe tse Rara o nang natso ke tsa me, ke ka moo ke rileng: 'O tla tsaya mo go tse e leng tsa me, o di lo itsise.'"

Khutsafalo e fetoga boitumelo

16 "Morago ga sebakanyana ga lo nke lo tlhola lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona; gonne ke ya kwa go Rara." 17 Ke fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba raana ba re: "Ke eng se o se re bolelelang, fa a re: 'Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona;' le fa a re: 'Ke ya kwa go Rara'?" 18 Ba boa ba re: "Ke go reng, fa a re: 'Morago ga sebakanyana'? Ga re itse se a se buang." 19 Jesu a lemoga gore ba rata go mmotsa; a ba raya a re: "A lo botsanya ka ga se ke se buileng, fa ke re: 'Morago ga sebakanyana ga lo nke lo mpona, mme morago ga sebakanyana gape lo tla mpona'? 20 Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Lo tla lela, lo tlhokofala, lefatshe lone le tla itumela. Lo tla hutsafala; mme khutsafalo ya lona e tla fetoga boitumelo. 21 Mosadi, fa a belega, o na le bohutsana, ka nako ya gagwe e tlile. Mme e a re a sena go belega ngwana, a se ke a tlhole a gopola tlalelo ka ntlha ya boitumelo jwa gore motho o tsaletswe mo lefatsheng. 22 Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona. 23 "Motsing oo ga lo nke lo mpotsa sepe. Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo kopa Rara sengwe mo leineng la me, o tla se lo naya. 24 Go fitlha nakong eno ga lo ise lo ke lo kope sepe mo leineng la me; kopang, mme lo tla amogela gore boitumelo jwa lona bo tlale.

Taelo ya bofelo

25 "Dilo tse ke di buile Ie lona ka diane; nako e e tla e ke se kitlang ke tlhola ke bua le lona ka yona ka diane, mme ke tla lo begela tsa ga Rara ka thanolo. 26 Ka motlha oo lo tla kopa mo leineng la me, mme ga ke lo ree ke re, ke tla lo rapelela Rara; 27 gonne Rara ka esi o a lo rata, ka lo nthatile, lo bile lo dumetse gore ke tswa mo Modimong. 28 Ke dule kwa go Rara, ka tla mo lefatsheng; ke bile ke tlogela lefatshe, ke ya kwa go Rara." 29 Barutwa ba gagwe ba re: "Bona, jaanong o bua ka thanolo, ga o bue seane sepe. 30 Jaanong re itse gore o itse dilo tsotlhe, mme ga go batlege gore motho a go botse. Ke ka moo re dumelang gore o tswa mo Modimong." 31 Jesu a ba fetola a re: "A jaanong lo a dumela? 32 Itseng, nako e e tla, e bile e setse e tsile, e lo tla faladiwang ka yona, mongwe le mongwe a ya ga gabo, lo ntlogela ke le nosi. Fela ga ke nosi; gonne Rara o na le nna. 33 Dilo tse ke di buile le lona gore lo nne le kagiso mo go nna. Lo tla nna le pitlagano mo lefatsheng, mme namatshegang, ke fentse lefatshe."

Johane 17

Thapelo ya Moperesiti yo mogolo, e bong Jesu. Ya go ithapelela

1 Dilo tseo Jesu o ne a di bua. Jaanong a tsholeletsa matlho kwa legodimong a re: "Rara, nako e tsile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse, 2 jaaka o mo neile thata mo nameng yotlhe gore mongwe le mongwe yo o mo mo neileng a mo nee bophelo jo bo sa khutleng. 3 Mme botshelo jo bo sa khutleng ke fa ba go itse o le Modimo wa boammaaruri o le wesi, le Jesu Keresete yo o mo romileng. 4 Ke go galaleditse mo lefatsheng ka go fetsa tiro e o e nneetseng go e dira. 5 Jaanong, wena Rara, nkgalaletse mo go wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena, lefatshe le ise le nne teng.

Go rapelela barutwa

6 "Leina la gago ke le senoletse batho ba o ba nneileng, ba tswa mo lefatsheng; e ne e le ba gago, o ba nneile, e bile ba tlhokometse lefoko la gago. 7 Jaanong ba itse gore tsotlhe tse o di nneileng di tswa go wena. 8 Gonne ke ba neile mafoko a o a nneileng, mme ba a amogetse, ba bile ba itse ruri gore ke tswa go wena, ba dumetse gore o nthomile. 9 "Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, mme ke rapelela ba o ba nneileng; gonne ke ba gago. 10 Tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, mme tse e leng tsa gago ke tsa me, mme ke galaleditswe ka bone. 11 Nna ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng. Nna ke tla koo go wena. Rara yo o Boitshepo, ba femele, ba nne mo leineng la gago le o le nneileng, gore ba nne bongwefela jaaka rona. 12 E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale. 13 Jaanong ke tla koo go wena, mme ke bua dilo tse mo lefatsheng gore ba nne le boitumelo jwa me, bo dale mo go bone. 14 Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile; gonne ga se ba lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe. 15 Ga ke kope gore o ba tlose mo lefatsheng, mme e le gore o ba femele mo go yo-o-bosula. 16 Bone ga se ba lefatshe, jaaka nna ke se wa lefatshe. 17 Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke lone boammaaruri. 18 Ke ba romile mo lefatsheng, fela jaaka o nthomile mo lefatsheng. 19 Ke iitshepisa ka ntlha ya bone gore le bone e nne ba ba itshepisitsweng ka boammaaruri.

Go rapelela badumedi

20 "Ga ke rapelele bone fela, mme ke rapelela le ba ba tla dumelang mo go nna ka lefoko la bone, 21 gore ba nne bongwefela botlhe jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna ke le mo go wena; a le bone ba nne bongwefela mo go rona, mo lefatshe le ka dumelang, fa o nthomile. 22 Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng gore ba nne bongwefela jaaka rona re le bongwefela; 23 nna ke le mo go bone, le wena o le mo go nna, gore ba nne bongwefela ka botlalo, mo lefatshe le ka itseng, fa o nthomile; o bile o ba ratile jaaka o nthatile. 24 "Rara, ke rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise le thaiwe. 25 Rara wa tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le bone ba, ba lemogile, fa o nthomile. 26 Leina la gago ke le ba itsisitse, mme ke tla fela ke le ba itsise gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone."

Johane 18

Jesu o a tshwarwa

1 E rile Jesu a sena go bua dilo tseo, a tswa le barutwa ba gagwe, a tshela molatswana wa Kidirone; teng go ne go le tshimo, a tsena mo go yona le barutwa ba gagwe. 2 Jutase yo o neng a mo tshwarisa le ene a itse felo foo; gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba atisitse go phuthegela teng. 3 Jaanong Jutase a tsaya lesomo la batlhabani le batlhanka ba baperesiti ba bagolo le ba Bafarisai, ba fitlha teng ka dirumola le dipone le dibolai. 4 Ya re ka Jesu a itse tsotlhe tse di tla mo tlelang, a tswa, a ba raya a re: "Lo batla mang?'" 5 Ba mo araba ba re: "Re batla Jesu wa Nasaretha." Jesu a ba raya a re: "Ke nna." Le Jutase yo o mo tshwarisang a bo a eme nabo. 6 E rile jaanong a ba raya a re: "Ke nna,"ba kata ka morago, ba wela fa fatshe. 7 A ba botsa gape a re: "Lo batla mang?" Ba re: "Jesu wa Nasaretha." 8 Jesu a fetola a re: "Ke lo boleletse gore ke nna. Fa e fela lo batla nna, lesang ba, ba tsamae;"9 e le gore go dirafale lefoko le a le buileng a re: "Ga ke a latlhegelwa ke ope wa bone ba o ba nneileng.

Petoro o tlhabanela Jesu

10 Jaanong Simone Petoro o ne a tshotse tshaka, a e somola, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang; leina la motlhanka yoo e le Malego. 11 Foo Jesu a raya Petoro a re: "Somela tshaka mo kgatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se nneileng?"

Jesu o fa pele ga lekgotla la Bajuta

l2 Ya baa gona lesomo la batlhabani le molaodi-wa-sekete le batlhanka ba Bajuta ba tshwarang Jesu, ba mo golega, 13 ba mo isa go Hanase pele; gonne e ne e le mogwagwadia Kaifase yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo. 14 Kaifase e ne e le ene yo o gakolotseng Bajuta a re: "Go molemo bogolo gore motho a le mongwe a swele morafe." 15 Simone Petoro le morutwa yo mongwe ba sala Jesu morago. Morutwa yoo o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, a tsena le Jesu mo lapeng la moperesiti yo mogolo. 16 Petoro ene a eme fa kgorong kwa ntle. Jaanong morutwa yo mongwe yo o itsiweng ke moperesiti yo mogolo, a tswa, a bua le mosadi yo o disitseng kgoro, a tsenya Petoro mo teng. 17 Foo lelata le e leng modisa wa kgoro la raya Petoro la re: "A ga ke re le wena o mongwe wa barutwa ba monna yole?" A re: "Ga ke ene." 18 Batlhanka le badiredi ba ne ba erne, ba ikomosa fa molelong wa magala o ba o gotsitseng; gonne go ne go le tsididi. Petoro a bo a eme fa go bone, a ikomosa. 19 Jaanong moperesiti yo mogolo a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe le ka ga thuto ya gagwe. 20 Jesu a mo araba a re: "Ke buile le batho phatlalatsa, ka ruta ka gale mo senagogeng le mo Tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng, ga ke a ka ka bua sepe mo sephiring. 21 O mpoletsang? Botsa ba ba utlwileng se ke se buileng nabo; kana ba itse tse ke di buileng." 22 Ya re a bua jalo, motlhanka mongwe yo o emeng teng a faphola Jesu a re: "A o araba moperesiti yo mogolo jalo?" 23 Jesu a mo fetola a re: "Fa ke buile ka tshokamo, supa ka ga tshokamo; mme fa ke buile ka tshiamo, o mpeletsang?" 24 Jaanong Hanase a mo romela a golegilwe go Kaifase, moperesiti yo mogolo.

Petoro o latola gape

25 Simone Petoro o ne a ntse a eme a ikomosa. Ke fa ba mo raya ba re: "A le wena ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?" A latola a re: "Ga ke ene." 26 Motlhanka mongwe wa moperesiti yo mogolo, yo e neng e le wa losika la yo Petoro a mo kgaotseng tsebe, a re: "A ga ke a ka ka go bona kwa tshimong, o na nae?" 27 Ke fa Petoro a latola gape, mme mokoko wa akofa wa lela.

Jesu o fa pele ga Pilato

28 Jaanong ba ntsha Jesu mo ntlong ya ga Kaifase, ba mo isa kwa kagong ya molaodi, e sa le phakela. Fela bone ba se ka ba tsena mo kagong ya molaodi, gore e se re gongwe ba kgotlelega, mme ba itse go ja Tlolaganyo. 29 Jaanong Pilato a tswela go bone a re: "Molato o lo o bonang mo mothong yo ke ofe?" 30 Ba mo araba ba re: "Fa monna yo e ka bo e se mosenyi, re ka bo re sa mo go neela." 31 Pilato a ba raya a re: "Mo tseeng, lo mo atlhole ka fa molaong wa lona." Bajuta ba mo raya ba re: "Ga re a letlelelwa go bolaya motho." 32 E ne e le gore lefoko la ga Jesu le dirafale, le a kaileng ka lone mokgwa wa loso lo a tla lo swang. 33 Ke fa Pilato a tsena mo kagong ya molaodi, a bitsa Jesu, a mo raya a re: "A ke wena kgosi ya Bajuta?" 34 Jesu a araba a re: "A o bua jalo ka bogagago, a kampo bangwe ba go boleletse ka ga me?" 35 Pilato a araba a re: "A ke Mojuta? Morafe wa ga eno le baperesiti ba bagolo ba go nneetse; o dirileng?" 36 Jesu a araba a re: "Puso ya me ga se ya lefatshe leno. Fa puso ya me e ka bo e le ya lefatshe leno, badiredi ba me ba ka bo ba tlhabana gore ke se neelwe Bajuta; mme jaanong puso ya me ga se ya mono." 37 Pilato a mo raya a re: "Mme a e fela o le kgosi?" Jesu a araba a re: "O bolela jalo, ke kgosi. Ke tsaletswe gona, ke bile ke tletse gona mo lefatsheng gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me." 38 Pilato a mo raya a re: "Boammaaruri ke eng?"

Jesu o atlholelwa loso

E rile a sena go bua jalo, a ba a tswela kwa Bajuteng, a ba raya a re: "Nna ga ke bone molato ope mo go ene. 39 Kana lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe ka moletlo wa Tlolaganyo; jaanong a lo rata ka lo gololela kgosi ya Bajuta?" 40 Ba goa botlhe gape ba re: "E seng yoo, mme a e nne Barabase!" Barabase ene e ne e le senokwane.

Johane 19

1 Ya baa gona Pilato a tsayang Jesu, a mo seola. 2 Batlhabani ba loga serwalo sa mitlwa, ba se mo rwesa mo tlhogong, ba mo apesa kobo e khibidu, 3 ba mo atamela ba re: "Dumela, Kgosi ya Bajuta!" Ba be ba mo faphola. 4 Foo Pilato a tswela gape kwa ntle, a ba raya a re: "Bonang, ke mo ntshetsa go lona gore lo itse, fa ke sa bone molato ope mo go ene." 5 Ke fa Jesu a tswela kwa ntle, a rwele serwalo sa mitlwa, a apere kobo e khibidu. Pilato a ba raya a re: "A motho! Bonang, motho!" 6 Ya re baperesiti ba bagolo le batlhanka ba mmona, ba goa ba re: "Mmapole, mmapole!" Pilato a ba raya a re: "Mo tseeng ka losi, lo mmapole; gonne nna ga ke bone molato mo go ene." 7 Bajuta ba mo fetola ba re: "Re na le molao, mme ka fa molaong wa rona o tshwanetse go swa; gonne o itshemile Morwa Modimo." 8 Ya re Pilato a utlwa lefoko leo, a boifa go feta pele. 9 A boa a tsena mo kagong ya molaodi, a botsa Jesu a re: "O tswa kae?" Mme Jesu a se ka a mo naya karabo. 10 Pilato a mo raya a re: "A ga o bue le nna? A ga o itse gore ke na le thata ya go go golola le thata ya go go bapola?" 11 Jesu a araba a re: "O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e newa e tswa kwa godimo; ka moo, yo o go nneetseng o na le boleo jo bogolo bogolo." 12 Foo Pilato a batla go mo golola; mme Bajuta ba goa ba re: "Fa o golola monna yo, o tla bo o se tsala ya ga Kaisara; mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o lwa le Kaisara." 13 Ya re Pilato a sena go utlwa lefoko leo, a ntshetsa Jesu kwa ntle, a nna mo sedulong sa katlholo mo felong fa go bidiwang Bodilo jwa matlapa, ka Sehebere go twe: "Gabatha". 14 E ne e le letsatsi la iketleetso ya Tlolaganyo, e ka nna nako ya motshegare. Pilato a raya Bajuta a re: "Bonang, Kgosi ya lona ke e!" 15 Ke fa bone ba goa ba re: "Mo dose, mo tlose, mmapole!" Pilato a ba raya a re: "A ke bapole kgosi ya lona?" Baperesiti ba bagolo ba araba ba re: "Ga re na kgosi, fa e se Kaisara." 16 Ya baa gona a mo ba neelang gore a bapolwe. Ba tsaya Jesu, ba tsamaya ka ene.

Jesu o a bapolwa

17 Ke fa a tswa a sikere sefapaano sa gagwe, a ya felong fa go bidiwang Felo-ga-logata, ka Sehebere go twe: "Golegotha". 18 Ba mmapolela teng mmogo le bangwe ba le babedi, mongwe ka fa, yo mongwe ka fa, Jesu a le fa gare. 19 Pilato a kwala sekwalo, a se tlhomela mo sefapaanong; go ne go kwadilwe ga twe: "Jesu wa nasaretha, kgosi ya bajuta." 20 Bajuta ba bantsi ba buisa sekwalo seo; gonne felo fa Jesu a neng a bapoletswe teng go ne go le gaufi le motse. Le gona se ne se kwadilwe ka Sehebera le Seroma le Segerika. 21 Foo baperesiti ba bagolo ba Bajuta ba raya Pilato ba re: "Se re: 'Kgosi ya Bajuta' kwala gore ke ene a rileng: 'Ke nna Kgosi ya Bajuta.'" 22 Pilato a fetola a re: "Se ke se kwadileng ke se kwadile." 23 Jaanong ya re batlhabani ba sena go bapola Jesu, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba di kgaoganya dikarolo tse nne gore motlhabani mongwe le mongwe a bone kabelo e le nngwe, le yona kobo; kobo eo e ne e se na moroko, e logilwe gotlhe go simolola kwa godimo. 24 Ke fa ba raana ba re: "A re se e gagoleng; a re e tlhameleng tengwa, re tle re itse gore e ka nna ya ga mang." E ne e le gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: "Ba kgaoganye diaparo tsa me, mme kobo ya me ba e tlhametse tengwa." Ke tsona tse batlhabani ba di dirileng. 25 Gaufi le sefapaano sa ga Jesu ga bo go eme mmaagwe le monnaa mmaagwe"le Maria, mosadi wa ga Keleopa, le Maria Magtalena. 26 Ya re Jesu a bona mmaagwe le morutwa yo a mo ratang a eme gaufi, a raya mmaagwe a re: "Mosadi, bona morwao ke yoo!" 27 A ba a raya morutwa a re: "Bona, mmaago ke yoo!" Go tloga ka nako eo morutwa yoo a mo tsholela kwa ga gagwe.

Loso lwa ga Jesu

28 Morago ga moo, ka Jesu a itse gore tsotlhe di setse di weditswe gore Lokwalo lo dirafadiwe gotlhe, a re: "Ke nyorilwe!" 29 Mme jaanong ga bo go le nkgwana e e tletseng motatsa, ba ina ngami mo motatseng, ba e tlhomela thupeng ya mosiama, ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe. 30 Ya re Jesu a sena go amogela motatsa, a re: "Go weditswe!" A ba a oba tlhogo, a ntsha mowa.

Motlhabani o tlhaba letlhakore la ga Jesu

31 Jaanong e re ka e le letsatsi la iketleetso, Bajuta ba kopa Pilato gore memomo ya bone e rojwe, mme ba pagololwe gore direpa di se nne mo difapaanong ka Sabata; gonne letsatsi la Sabata yoo e ne e le le legolo. 32 Jaanong ga tla batlhabani, ba roba memomo ya wa ntlha le ya yo mongwe yo o neng a bapotswe nae. 33 Ya re ba tla fa go Jesu, mme ba fitlhela a setse a sule, ba se ka ba roba memomo ya gagwe. 34 Mme mongwe wa batlhabani a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, ga akofa ga tswa madi le metsi. 35 Ene yo o bonyeng o supile, mme tshupo ya gagwe ke boammaaruri, o bile o itse gore o bua tsa boammaaruri gore le lona lo dumele. 36 Gonne dilo tseo di dirafetse gore Lokwalo lo dirafale lo lo reng: "Go se ka ga rojwa lesapo lepe la gagwe." 37 Gape Lokwalo lo longwe lo a re: "Ba tla leba ene yo ba mo tlhabileng."

Phitlho va ga Jesu

38 Morago ga dilo tseo Josefa wa Arimathea yo e neng e le morutwa wa ga Jesu, mme a itobile ka ntlha ya go boifa Bajuta, a kopa Pilato go mo letlela gore a tlase serepa sa ga Jesu. Pilato a mo dumelela. Jaanong a ya a tlosa serepa sa gagwe. 39 Nikotemo le ene yo o kileng a tla go Jesu bosigo, a tla a tshotse motswako wa setlolo sa mera le mokgwapha, e ka nna wa bokete jwa diponto di le 100. 40 Jaanong ba tsaya serepa sa ga Jesu, ba se thathelela le ditlolo tse di nkgang monate ka masela a letseta ka mokgwa o Bajuta ba fitlhang ka ona. 41 Ga bo go le tshimo fa Jesu a bapoletsweng teng, mme lebitla le leswa le le teng mo tshimong eo, le go iseng go ke go ladiwe ope mo go lone. 42 Jaanong ba latsa Jesu teng ka ntlha ya letsatsi la iketleetso la Bajuta; gonne lebitla leo le ne le le gaufi.

Johane 20

Tsogo ya Morena. Petoro le Johane ba ya kwa phupung va Morena

1 Ka letsatsi la ntlha la beke Maria Magtalena a ya kwa phupung phakela go sa le lefifi, a fitlhela letlapa le tlositswe mo phupung. 2 Ke fa a siana, a tla kwa go Simone Petoro le go morutwa yo mongwe yo Jesu a neng a mo rata, a ba raya a re: "Ba tlositse Morena mo lebitleng, mme ga re itse gore ba mmeile kae." 3 Petoro le morutwa yo mongwe ba tloga, ba fitlha kwa lebitleng. 4 Ba siana mmogo ka bobedi jwa bone; mme morutwa yo mongwe a sia Petoro, a fitlha pele kwa lebitleng. 5 Ya re a inama, a fitlhela masela a letseta a beilwe fa fatshe, mme a se ka a tsena. 6 Jaanong Simone Petoro a tla, a mo setse morago, a tsena mo lebitleng, a bona masela a beilwe fa fatshe. 7 Lesela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe le ne le sa bewa le masela a mangwe, mme le phuthilwe go sele fa thoko. 8 Foo morutwa yo mongwe yo o fitlhileng pele fa lebitleng le ene a tsena, a bona, a ba a dumela; 9 gonne ba ne ba ise ba itse Lokwalo lo lo reng: "O tshwanetse go tsoga mo baswing." 10 Jaanong barutwa ba boela kwa gae.

Jesu o iponatsa go Maria Magtalena

11 Maria a bo a eme fa ntle ga lebitla a lela; ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo lebitleng, 12 a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba ntse mongwe fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong, fa serepa sa ga Jsu se neng se letse teng. 13 Bao ba mo raya ba re: "Mosadi, o lelelang?" A ba fetola a re: "Ke ka gonne ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse gore ba mmeile kae." 14 Ya re a sena go bua jalo, a retologa, a bona Jesu a erne, mme a sa itse gore ke Jesu. 15 Jesu a mo raya a re: "Mosadi, o lelelang? O batla mang?" Ene a gopola gore ke molemi wa tshimo, a mo raya a re: "Morena, a e re fa e le wena yo o mo tlositseng, o mpolelele gore o mmeile kae, mme ke tla ya go mo tlosa." 16 Jesu a mo raya a re: "Maria!" Maria a retologa, a mo raya ka Sehebera a re: "Rabuni!" (ke go re: "Moruti wa me." ) 17 Jesu a mo raya a re: "Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre; tsamaya, o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba ree o re: 'Ke tlhatlogela kwa go Rre yo e leng le Rraeno, kwa Modimong wa me o e leng le Modimo wa lona.'" 18 Maria Magtalena a ya a bolelela barutwa a re: "Ke bonye Morena!" le tse a di mo laetseng.

Jesu o iponatsa go barutwa ba gagwe

19 E rile ka maabanyana a lone letsatsi leo, e le la ntlha la beke, mejako ya kwa barutwa ba neng ba phuthegetse teng e tswetswe ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a tla a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: "A kagiso e nne le lona!" 20 Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le letlhakore. Ya baa gona barutwa ba itumelang, ka ba bona Morena." 21 Jesu a ba raya gape a re: "A kagiso e nne le lona! Ke a lo roma, jaaka Rara a nthomile." 22 Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela, a ba raya a re: "Amogelang Mowa o o Boitshepo! 23 Ba lo ba itshwarelang dibe tsa bone ba di itshwaretswe; mme ba lo ba balelang dibe tsa bone ba di baletswe."

Jesu o iponatsa gape barutweng

24 Thomase mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang lefatlha, o ne a se na nabo, fa Jesu a tla. 25 Jaanong barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: "Re bonye Morena." Ene a ba raya a re: "Fa ke sa bone dipadi tsa dimapo tsa tshipi mo diatleng tsa gagwe, le go tsenya monwana wa me mo dipading tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo letlhakoreng la gagwe, ga nka ke ka dumela." 26 Ya re morago ga malatsi a a robedi barutwa ba gagwe ba bo ba le mo teng gape, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla gape, mejako e tswetswe, a ema mo gare a re: "A kagiso e nne le lona!" 27 A ba a raya Thomase a re: "Ntshetsa monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se tsenye mo letlhakoreng la me; o se nne yo o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang." 28 Thomase a mo araba a re: "Morena wa me le Modimo wa me!" 29 Jesu a mo raya a re: "Thomase, o dumetse, ka o mponye. Go sego ba ba dumetseng, le fa ba sa bona." .

Lokwalo lo lo tsosa tumelo

30 Jesu o dirile ditshupo tse dintsi tse dingwe fa pele ga barutwa ba gagwe tse di sa kwalwang mo lokwalong lo. 31 Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe

Johane 21

Jesu le barutwa ba gagwe fa letsheng la Tiberia

1 Morago ga dilo tseo Jesu a iponatsa gape barutweng ba gagwe fa letsheng la Tiberia, a iponatsa jaana: 2 Go ne go le Simone Petoro le Thomase yo o bidiwang Lefatlha le Nathanaele wa Kana wa Galelea le bomorwa Sebeteo le ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba le mmogo. 3 Simone Petoro a ba raya a re: "Ke ya go tshwara ditlhapi." Ba mo raya ba re: "Le rona re ya nao." Ba tswa ba ya ba palama mokoro; mme ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo. 4 Ya re e setse e le mo mosong, Jesu a ema fa losing lwa letsha, fela barutwa ba se ka ba itse fa e le Jesu.' 5 Jesu a ba botsa a re: "Banaka, a ga lo na sesabo?" Ba mo araba ba re: "Nnyaya." 6 A ba raya a re: "Digelang letloa ntlheng ya le le jang ya mokoro, mme lo tla tshwara." Ya re ba dira jalo, ba se ka ba tlhola ba kgona go le goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi. 7 Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a raya Petoro a re: "Ke Morena." Ya re Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a ikgatlha ka kobo e kgolo, ka a ne a sa apara, a ba a tlolela mo letsheng. 8 Mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro; gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka nna dikgato di le 100, ba goga letloa la ditlhapi. 9 Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng, ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi di besitswe mo go ona le senkgwe. 10 Jesu a ba raya a re: "Tsisang ditlhapi tse dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong." 11 Simone Petoro a palama mokoro, a gogela letloa kwa lefatsheng, le tletse ditlhapi tse dikgolo di le 153; mme le fa di ne di le kalo, letloa la se ka la gagoga. 12 Jesu a ba raya a re: "Tlaang lo fitlhole." Mme go ne go se ope wa barutwa yo o betang pelo go mmotsa go re: "O mang?" ka ba itse gore ke Morena. 13 Jaanong Jesu a tla a.tsaya senkgwe, a se ba naya, le ditlhapi jalo." 14 E ne e setse e le la boraro Jesu a iponatsa go barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing.

Jesu o busetsa Petoro mo boapostolong

15 E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: "Simona, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?" A mo araba a re: "Ee, Morena, o itse gore ke a go rata." Jesu a mo raya a re: "Fudisa dikwanyana tsa me!" 16 A boa a mmotsa lwa bobedi a re: "Simona, morwa Jona, a o a nthata?" A mo araba a re: "Ee, Morena, o itse gore ke a go rata." Jesu a mo raya a re: "Disa dinku tsa me!" 17 A mmotsa lwa boraro a re: "Simona, morwa Jona, a o a nthata?" Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: "A o a nthata?" A ba a mo araba a re: "Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata." Jesu a mo raya a re: "Fudisa dinku tsa me!p 18 Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: E rile o sa le yo moswa, wa itlama, wa itsamaela kwa o ratang teng; mme e tla re o sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o sa go rateng." 19 O ne a bua jalo go supa gore o tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: "Ntshale morago!"

Mafoko ka ga Johane

20 Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: "Morena, ke mang yo o go tshwarisang?" 21 Ya re Petoro a mmona, a botsa Jesu a re: "Morena, go tla nna jang ka ga yo?" 22 Jesu a mo araba a re: "Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng? Wena ntshale morago!" 23 Ka moo ga tuma mo bakaulengweng polelo e e reng: Morutwa yoo ga a nke a swa. Fela Jesu ga a a ka a mo raya a re: "Ga a nke a swa,"mme o rile: "Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng?"

Mafoko a bofelo

24 Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri. 25 Le gona go na le dilo tse dintsi di sele tse Jesu a di dirileng, tse e ka reng fa di ka bo di kwadilwe ka tatelano, ke gopola gore lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe.





AMAZING GRACE BIBLE INSTITUTE